Breaking News

Batlholagadi ba sidilana maikutlo

17 Sep 2014

E rile bosheng bomme go tswa metseng e farologaneng ya Botswana ba bo ba tshologetse kwa kerekeng ya Bosele Baptist mo Gaborone go amogana matlhothapelo a a ba diragaletseng morago ga go latlhegelwa ke balekane ba bone.

Fa ba bua kwa moletlong wa batlholagadi, bontsi bo ne jwa supa fa batho ba ba tshwanetseng go ka ba tshegetsa mo tatlhegelong eo, ba tswa ba itimokanye ka go ba bitsa maina a lekgobo a tshwana le mmolai, segagapa le moopa. 

Ba supile fa ba sotlilwe ke kgokgontsho e, ka ba amogilwe di tsa bone jaaka matlo, dikoloi, masimo, leruo le meraka.

Mo therong ya gagwe , Moruti Jack Rantho o supile fa e se boikarabelo ja puso go tlhokomela batlholagadi mme ele kereke e tshwanetse go nna le seabe ka go kwadilwe mo baebeleng gore kereke ke lesedi la lefatshe jalo ba tshwanetse go kaela, go ema nokeng, go tshereganya le go leka go kopantsha matlhoki a batlholagadi. 

O tsweletse a gwetlha batlholagadi go ikatumetsa mo kerekeng ka Modimo a laotse gore kereke e ba tlhokomele e bo e ba ema nokeng mo pitlaganong ya bone.

Mosimolodisi wa letsatsi le, Mme Keorapetse Mmope a re o bone go tlhokafala go nna le letsatsi le tshwana le le morago ga go ela tlhoko dikgwetlho le matshwenyego a batlholagadi . Mme Mmope o supile fa maikaelelo a moletlo ele go abelana maitemogelo le dikgwetlho, go thusana ka go rarabolola mathata a batlholagadi, go gomotsana, go neelana tsholofelo morago ga tatlhegelo, go gakololana ka tsamaiso le semolao, le go thusa ba ba nang le letlhoko la diaparo le dijo.

O tsweletse a supa fa mo nakong eno ba dirisa Bosele Baptist Church ka e le leloko la kereke eo, mme go sa ba tshware maoto go tswela kwa ntle ka ba setse ba kgonne go etleetsa mafelo a a farologaneng jaaka Moshupa, Ditshegwane le Kudumelapye.

Molaodi wa pele wa Lobatse e bile e le mongwe wa basimolodisi ba letsatsi le, Mme Khutsafalo Oliva Mogotsi a re go tshegetsa letsatsi le go na le dikgwetlho tse dintsi jaaka dipalamo le madi go tsamaisa tiro mme ga di kitla di ba kgaola maoto go tswelela ka ba gwetlhiwa ke dikgang tsa batlholagadi tse di ngomolang pelo jaaka, kgokgontsho ya maikutlo, kgethololo, go supiwa ka monwana jaaka babolai ba banna ba bone, go gapelwa dithoto le ba masika go gana go ba supela mo go tsa molao.Mme Mogotsi a re dikgwetlho tse di ka rarabololwa ka paakanyo ya molao go ba sireletsa gonne o supa fa batlholagadi ba sena ditshwanelo ka ba sa lemogiwe ke molao. 

O tsweletse a supa gore tebelopele ya bone ka tiro e ke go bona lefelo le ba ka thusediwang mo go lone ka tsa bogakolodi, tshidilo maikutlo, dithuto tsa itshetso le go ba golaganya le mananeo a dithuso. 

A re ba eletsa go bona puso e thusa ka go dira le go baakanya molao go akaretsa matlhoki le dikgwetlho tsa batlholagadi.

Mokhanselara wa kgotla ya Bosele, Mme Lilian Piet o akgotse tiro e ntle e Mme Mmope a saleng a e simolola ngwaga tse tlhano tse di fetileng..

O solofeditse bomme bao gore e tla re a le kwa khanseleng a nne lentswe la bone le gore ba tshware ka thata ka go supa e le basadi ba motia ba ba sa letleleleng sepe go ba ema pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Emmanuel Kanyenda

Location : GABORONE

Event : Letsatsi la ba ba latlhegetsweng ke balekane

Date : 17 Sep 2014