BCP e amogela maloko a masha
17 Sep 2014
E ne yare bosheng Botswana Congress Party (BCP) ya amogela maloko a masha a le lesome le bosupa kwa Moletemane.
Rre Taolo Lucas, ntlhopheng wa bopalamente, o ne a rurifatsa seo kwa phuthego ya phatlalatsa ka mafelo a beke kwa kgaolong ya Moletemane kwa Bobirwa, a tlhalosa fa ana le dingwaga dile lesome le botlhano a emetse ditlhopho mme e bile a ne a ntse a lebile lehuma, kwelo tlase ya thuto le botsogo tse di apesitseng Babirwa kobo ka letshoba.
A re ele ba BCP ba aga areka e ka yone ba ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong ya Bobirwa ka bophara jaaka go na le kgwetlho e tona ya metsi le go tlhomamisa gore ba nwa metsi a letamo la Thune.
A re mo nakong eno ga gona diphaephe tse di isang metsi a letamo leo mo kgaolong ya Bobirwa, a supa fa metsi a letamo leo a kgabisitse fela gona le gore a kabo a nowa ke batho ba dikgaolo tseo.
Rre Lucas o tlhaloseditse batlhophi gore fa ba ka tshameka ka tlhopho ya bone, phathi ya BDP e ya go tsaya metsi e a isa kwa dikgaolong tsa Borwa ntswa kgaolo ya bone e lela sa khuranyo ya meno ka seemo sa metsi.
A re kgwetlho e nngwe e tona mo kgaolong ya Bobirwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mme ntlhopheng wa bopalamente Rre Shaw Kgathi ga a buiwe sepe ka yone, a tlatsa ka gore bone e le ba BCP ba re go tsenngwe terata ya motlakase gore leruo le diphologolo di seka tsa kopana letsa lefatshe la Zimbabwe.
O boletse fa Rre Kgathi a latlhegelwa ke mowa wa boutlwelobotlhoko bogolo jang mo dikgannyeng tse di amang leruo.
A re bone e le ba BCP ba ya go leka go tsholetsa madi a phimola keledi, fa leruo le le tlodileng molelwane le bolawa, gona le P400.00 o fiwang batho mo nakong eno.
Fa ema ka a gagwe maitlamo, ntlhopheng wa mokhanselara wa kgaolo ya Moletemane, Rre Johannes Gaosikelwe a re o tla itebaganya le dikgang tsa katoloso ya kokelwana ya Moletemane gore e nne le lekalana la pelegi, le gore a bo e ka bulwa letsatsi lotlhe.
Ntlheng e nngwe a re gonne le dikokelwana tsa nakwana kwa dipolaseng le go gopiwa ga tsela ya Moletemane go ya Tsetsebye le Majotshipa ka metlha kana morago ga kgwedi tse tharo, le go kgaratlhela gore go e tshelwe sekonotere, dilo tse a reng di tsdhwanetse go tsenngwa mo ditogamaanong tsa lefatshe ka bofefo.
A re maikaelelo magolo a phathi ya BCP ke go tsholetsa maemo a mololwane wa Zanzibar le go ntsha ditlamelo tsa ditsha go tswa kwa kgaolong ya Tswapong go di isa kwa kgaolong ya Bobirwa, le tsone dithuso tsa temo thuo, banana le tse dingwe go tla mo Moletemane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 17 Sep 2014