Pina ya setshaba e a tlotlwa - Phiri
17 Sep 2014
Mothusa molaodi wa Lobatse, Rre Ernest Phiri, o gakolotse morafe go fa pina ya setshaba tlotla e etshwanetseng.
Rre Phiri o buile jalo ka Matlhatso kwa mabaleng a Bothakga jaaka go ne tshwerwe moletlo wa dijo tsa setso le dikgaisano tsa dikhwaere tsa boipuso kwa Lobatse.
O tsweletse ka go kgothatsa batsadi gore ba rute bana gore pina e, e tlhokana le tshisibalo fa e opelwa, e bile go se motho ope yo o sutang. A re ka dinako tsotlhe, go sa kgathalesege gore e opelwa fa kae, pina e ke letshwao la Batswana.
Mothusa molaodi o ne a tlhalosa fa dikgaisano tseo tsa dikhwaere ele bontlha bongwe jwa ditirelo tse di tsweletseng go ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi, tse gape e leng matlhagolatsela ago ipelela dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa.
A re ke gone mo ba dirileng gore mongwe le mongwe a nne le seabe jaaka baopedi ba dikhwaere; dibini ba mmino wa setso; badiragatsi ba diletswa tsa setso, le batshameki ba kgwele ya dinao.
Mongwe wa baatlhodi kwa dikgaisanong tseo, Mme Onkabetse Ramasedi yo eleng morutuntshi wa tsa moopelo le tsa bodiragatsi, a re ba ne ba lebeletse dintlha tsa botlhokwa jaaka modumo, boleng jwa pina, gore a baopedi ba opela go tshwana, tlhaloso ya mafoko a pina le setlhogo, le gore a go na le neelano ya molaetsa.
Gone go iteisanwa borathana, dikhwaere dile pedi; ele khwaere ya Mosu go tswa kwa Delta le ya Bosele go tswa kwa Boswelatlou.Khwaere ya Bosele e ne ya ikgapela maemo a ntlha le dikete tse pedi tsa dipula morago ga gore ba supe maitemogelo le bothakga mo dikhwaereng; khwaere ya Mosu ya iphitlhela mo maemong a bobedi mme ba ikgapela sekete sa dipula.E rile a ema mokhanselara wa Woodhall, Rre Mantle, a akgola komiti e ya boipuso a re ba kgaogantse madi sentle gore mongwe le mongwe a tseye karolo, a boa a kgothatsa dikhwaere go amogela maduo, a re ba ba tsereng maemo a bobedi ba ye go ipaakanya gore nako e e tlang ba dire bontle le go feta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Moletlo wa dikgaisano
Date : 17 Sep 2014