Breaking News

Dikgang tsa tlhalo di tshwenya kgosi

17 Sep 2014

Kgosi ya Khudumelapye, Rre Edwin Ramokobetwane a re ga a itumedisiwe ke go gola ga dikgang tsa tlhalo kwa motseng wa gagwe.

E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Kgosi Ramokobetwane a bolela fa dikgang tsa tlhalo tse ba di amogetseng di ba tshwenya thata ele ba bogosi gonne motho o kgona go nyalwa kgwedi mme ere e esi e e fifing a bo a tlhalwa.

O kaile fa ele ba bogosi ba sa direlwe sentle ke banyalani gore ba ba kgaoganye ka seo e le boleo fa pele ga Modimo le mo baebeleng go kwadilwe gore se se kopantsweng ke Modimo se seka sa kgaoganngwa ke ope.

O tsweletse a kgothatsa banni ba Khudumelapye go emisa go thubela ba bangwe malwapa mme a ba kopa go tshotlha dikgang tsa go thubelana malwapa le go tlhalana kwa malwapeng pele. Kgosi o rotloeditse morafe wa gagwe go tsaya nyalo tsia.

Mo go tse dingwe, Kgosi Ramokobetwane o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa borukhutlhi se se golelang pele mo motseng.

A re bogodu jwa leruo le dithoto bo gola tsatsi le letsatsi ka jalo a kopa banni go bega borukhutlhi bope jo ba bo bonang.
Kgosi Ramokobetwane o ba gakolotse fa moloma tsebe a sa tshwane le mosupi ka jalo a kopa banni gore ba seka ba tshaba go bega borukhutlhi ba tshaba gore e tla a nna basupi.

O kgadile batsadi ba ba romang bana kwa dipompong tsa metsi ka a bolela fa bana bao ba tshamekisa metsi.

O tsweletse a supa fa ele ba bogosi ba tla tseela beng ba leruo le le sailang mo motseng dikgato. O kaile fa leruo le sa dire tshenyo fela mme le leswefatsa le tikologo ya motse.
Mongwe wa banni ba Khudumelapye, Rre Mafoko Dingaka o supile fa go gola ga borukhutlhi go bakiwa ke go phutlhama ga dikomiti tsa motse.

O kaile fa dikomiti di tshwana le tsa metsi le twantsho borukhutlhi di tshwanetse go tsosolosiwa go ritibatsa le go thusa go fokotsa matshwenyego mo dikgannyeng tse dikomiti di itebagantseng le tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Sep 2014