Balemi ba gakololwa go tlhabolola ditsha
17 Sep 2014
Balemi kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go emisa go rekisa ditsha tsa masimo mme ba di tlhabolole gore ba kgone go akola mananeo a puso e a tlhamileng ka a ka ba thusa go itshimolodisetsa dikgwebo le go intsha mo lehumeng.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, modulasetilo wa komiti ya balemi barui ba kgaolo ya Kweneng Bophirima, Rre Thomas Batlhophi a re puso e otlolotse letsogo go thusa Batswana ka mananeo a tshwana le la ISPAAD le go lemelwang balemi mahala mme a kaya fa go le botlhokwa gore ba inaakanye le mananeo ao go itlhabolola.
Rre Batlhophi o supile fa botshelo jwa Motswana bo ikaegile ka temo thuo, mme a supa fa go tshwenya go bona bangwe segolo bogolo banana ba rekisa lefatshe le ba ka bong ba le tlhabolola gore ba akole mananeo e bile gape ele bone ba le tlhokang go gaisa mongwe le mongwe.
O supile fa lefatshe e le boswa jo bo tshwanetseng jwa somarelwa go amoganwa ke dikokomane ka go tlhatlologana, mme a tlhalosetsa banni gore ba tshwanetse go tlhabolola ditsha gore ba akole mananeo le gone go tila gore di seka tsa tsewa ke ba lekgotla la kabo ditsha ka go di rekisa go ka seke go ba solegele molemo.
O gakolotse banana go tlhaloganya fa lefatshe le sa oketsege mme go oketsega palo ya batho.
A re mo nakong eno puso e lela ka tlhaelo ya lefatshe mme go a gakgamatsa go bona banana bone ba tsweletse ka go le rekisa ntswa ba ka kgona go le dirisa go ikapola kgwetlho ya letlhoko la ditiro le gone go tlhamela ba bangwe mebereko.
O gwetlhile banni go supa mowa wa ponelopele ka go tsaya boikarabelo jwa go fedisa lehuma mo matshelong a bone ka go tlhoafalela temo gore ba ntshe dijo tse di jewang ke batho mo malwapeng le tse di ka jesang lefatshe leno.
A re puso e itlamile go tokafatsa mohama wa temo le matshelo a Batswana ka kakaretso e bile e tsweletse ka go tlhama mananeo a a farologaneng a tshwana le le sa tswang go simolodisiwa la ISPAAD e e faphegileng, mme fela a bolela fa go le mo maruding a bone go a dirisa gore ba itirele botshelo le bokamoso jwa bana ba bone.
Mo go tse dingwe, Rre Batlhophi o kgadile barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone ka ba le tlogela le saila kwa masimong mme e re morago ba itlhokomolose dikgang tsa majo ntswa puso e dirisitse madimadi go lemela Batswana.
Rre Titus Matthys o supile fa mananeo a puso e a ntshitseng go akarediwa la temo thuo la ISPAAD, a le molemo fela thata mme a tlhokana le gore Batswana ba a dirise ka natla le boikarabelo gore a ba solegele molemo
Rre Otlhophilwe Segaise ene o gateletse botlhokwa jwa gore Batswana ba tsibogele mananeo a puso e a ntshitseng mme ba seka ba a kgala fela ba ise ba a lekeletse. A re ene o ne a ikopetse lenaneo la LIMID mme le mo tswetse mosola fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Sep 2014