Maduo a LIMID a a bonala
17 Sep 2014
Go bolelwa fa lenaneo la temo thuo la LIMID le ntsha maduo kwa kgaolong ya Kgalagadi.
Fa a bula khansele potlana ya Tsabong ka Labobedi, modulasetilo, Rre Sam Brooks o boletse fa dipalo tsa baikopedi ba lenaneo leo di ile kwa godimo mme dikopo di isitswe kwa maphateng a a maleba go sekasekwa.
A re mo dikopong di feta makgolo a mabedi le masome a matlhano, tse di fetang lekgolo le masome a supa di amogetswe, mme tse di masome a supa le borataro di sa amogelwa fa tse thataro di santse di sekasekwa.
Rre Brooks o boleletse khansele gore baikopedi ba le masome a supa le borataro ba setse ba filwe dihutshane kwa kgaolong ya Boravast fa ba le lesome le boraro ba di filwe kwa metseng ya Werda le Makopong.
O kopile makhanselara go bua le ba ba thusitsweng ka lenaneo le gore ba tlhokomelo dihutshane tse ba di filweng ka jaana di ka tlhabolola matshelo a bone go ya go ileng. A re fa ba ka tlhokomela dihutshane tseo, ga gona jaaka ba ka palelwa ke go ikinola mo lehumeng le go tlhabolola matshelo a bone.
Mo go tse dingwe, o supile fa ditshekatsheko tsa go ikopela lenaneo le le faphegileng la ISPAAD di weditswe mo kgaolong eo. O tlhalositse fa metse e e mo kgaolong e kgaogantswe gararo e bile le bodiredi bo ka tshwara botlhano bo setse bo le teng mo motseng mongwe le mongwe. A re go setse go amogetswe dikopo di feta makgolo a robabongwe tsa lenaneo leo mme tsholofelo ke gore dipalo tseo di oketsege mo tsamaong ya nako.
Fa ba mokgwa kgaba, makhanselara a supile fa ba itumelela go bo go setse go na le tema mo lenaneong leo. Mokhanselara wa motse wa Werda, Mme Bakae Mathule o kopile gore go tswelele go sekasekwe baikopedi ka jaana ba bangwe ba ba tlhokang lenaneo leo thata ba ne ba seka ba kgona go kopana le bodiredi ka mabaka a a farologaneng a akaretsa bolwetse.
O tsweletse ka gore fa baikopedi ba sena go thusiwa ba bewe leitlho mme e bile ba rutiwe botlhokwa jwa go somarela dithuso tseo.
A re go ngomola pelo gore batho bangwe ba tseye mananeo mme ere morago ba bo ba sa a tlhokomele ba tlhalosa fa ba sa senyegelwa ke sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 17 Sep 2014