Reatile a re mananeo a puso a mantle
16 Sep 2014
Ntlhopheng wa bopalamente wa phathi ya Domkgrag mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile o kgadile a se kgwe mathe diphathi tsa kganetso bogolo jang ya UDC, a bolela fa e le bo nkgata ke tlhaname.
O buile jalo mo phuthegong ya phatlhalatsa ya sepolotiki kwa Jwaneng ka mafelo a beke. O boletse fa mananeo a puso jaaka la ISPAAD a tlhabolotse Batswana thata mo ba kgonneng go itirela dijo tse dintsi, a bolela fa ba diphathi tsa kganetso le bone ba akola mananeo a puso mme e bile ba boa gape ba a kgala.
A re selo seo, se se dirwang ke ba diphathi tsa kganetso ke bopelotshetlha le bogodu. O boletse fa tautona wa lefatshe leno a na le tebelopele e tona thata go akanyetsa setshaba sa gagwe ka mananeo a mantle.
O boletse fa ba diphathi tsa kganetso ba faposa batho ba ba bolelela ditoro fela tse di senang boammaaruri, a tlatsa ka o kopa gore ba tlhophe BDP gore ba tshele botshelo jo bo molemo, ka mananeo a a matsorotsoro.
Sebui se sengwe ebong ratoropo wa Jwaneng Rre Amos Jahana o boletse fa maitlamo a phathi ya BDP a rwele mananeo a itshetso ka letlotlo, a tlhalosa fa bagodi ba fiwa madi a bogodi ba namile maoto fela, mananeo a nyeletso lehuma a thusa le one, mananeo a banana le go thusa mo go tsa temo-thuo.
Rre Jahana o boletse fa balemi ba lemelwa mahala, ba fiwa dipeo mahala, ba tlhagolelwa mahala e bile ba fiwa le molemo wa mohero, a bua jalo a kgala ba kganetso, a re bone ba itse go tlhapaolola batho fela.
O kopile banni ba Jwaneng go se itlhabe ka thipa mpeng ka go tlhopha diphathi tsa kganetso tse di senang motlhala. Le fa go ntse jalo, gone ga supiwa Mme Bonolo Sesame e le mongwe wa bomme, yo o tlaa emelang bokhanselara mo Jwaneng.
Mokhanselara wa Mogoditshane Legare, Mme Neo Kesenogile o boletse fa bomme e le thari ya setshaba, a tlhalosa fa BDP le yone e batla seabe sa bomme mo kemeding ya yone.
O kgadile diphathi tsa kganetso a bolela fa di senya ba bangwe maina fela fela go sena se ba ka thusang Batswana ka sone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 16 Sep 2014