Breaking News

Go itse ka ditirelo go botlhokwa

16 Sep 2014

Go botlhokwa gore morafe o nne le kitso le gone go tlhaloganya ka ditirelo, mananeo le ditlamelo tse ba ka di fitlhelang mo maphateng a puso.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng bosheng, mothusa modulasetilo wa komiti ya badirelapuso, Mme Rinah Tlalanyane a re morafe o ka nna le kitso ka ditirelo fela fa badirelapuso ba ka ikopanya le bone ka nako tsotlhe go amogana dikitso le megopolo ka mananeo a puso le dikgang tse di amang maphata a bone.

Mme Tlalanyane o supile fa ba bone go tshwanela go nna le phuthego ya mofuta o, go itebaganya le go fa morafe sebaka sa go sekaseka badirelapuso le thuso epe fela e ba e fiwang kwa diofising tsa puso.

O kaile fa kokoano e tshwana le e, e le botlhokwa ka e efa morafe sebaka sa go lemotsha badirelapuso matshwenyego a bone le gone gore ba itshekatsheke ba iphuthe metlhala fa morafe o sa kgotsofalele thuso e ba e fiwang kwa diofising.

O kaya fa letsatsi le, le lemotsha morafe gore ke balebeledi ba bodiredi jwa puso le gone gore ba na le ditshwanelo le maikarabelo. A re ba dumalane le morafe gore ba tlaa tshwara letsatsi la kanoko ya badirelapuso kgwedi le kgwedi mo kgotleng.

Fa ba akgela, banni ba supile fa bodiredi jwa puso bo diega go gorosa mananeo le ditlamelo tsa puso ka nako kwa setshabeng. Ba ngongoregile ka dituelo tsa Ipelegeng tse ba reng di tsaya lobaka ga mmogo le tlhaelo ya didirisiwa, selo se ba reng se dia tiro go tswelela ka thelelo.

Le fa go ntse jalo, banni ba akgotse Botswana Power Corporation go tsibogela kgaogo ya motlakase.  Ba re ba itumelela ditirelo tsa ofisi ya boipelego ka e tsibogela go ba isetsa ditirelo ka nako di tshwana le go thusiwa ga dikhutsana le batlhoki, ntswa go na le tiego ya go goroga ga mananeo a nyeletso lehuma mo motseng.

Fa a tsibogela dikgang tseo, Mme Tlalanyane o supile fa dingongora tseo di tlaa lebisiwa maphata a a amegang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Sep 2014