Lontone e ama matshelo a batho
16 Sep 2014
Kereke ya UCCSA e e itsegeng ka leina la Lontone mo Selebi Phikwe e ne e tshwere moletlo wa dijo go kokoanya madi a ka o ne ba tlaa bong ba thusa batho ba ba kobo di magetleng.
E rile a amogela baeng, Moruti Thatayaone Keimetswe wa kereke ya Lontone kwa Selebi Phikwe a tlhalosa gore kereke ya UCCSA e na le makalana a le marataro e leng, Lephoi, Lesoso, Kolobeng, Moeding, Matsha le ya Bojanala, a supa fa ya Selebi Phikwe e wela ka fa tlase Lephoi.
Moruti Keimetswe a re kereke ya bone e dumela mo go ameng matshelo a batho mo moweng le mo nameng, a tlhalosa gore ba tsosolosa mowa wa motho ka go rera lefoko la Modimo.
A re ngwaga le ngwaga ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka go dirisa thobo e Modimo a ba e neetseng. Moruti Keimetswe a re ba setse ba abetse malwapa a le mabedi kwa Botshabelo dijo, e bile ba setse ba simolotse go aga ntlo ya mokaulengwe wa bone go tsosolosa seriti sa gagwe.
Moruti o tlhalosa fa ba sa itebaganya le letlhoko la mo Selebi Phikwe fela ka gore e ne ya re mo bogaufing ba abela batho bangwe ba le masome mabedi diaparo kwa Gojwane.
E rile a ema kokoano ka lefoko, modulasetilo wa dikereke tsa UCCSA mo Botswana, Moruti Thuso Tiego a tlhalosa gore go botlhokwa go itse letlhoko la motho ka go ikopanya le ene, ka gore ke ene a ka tlhalosang botoka botshelo jwa gagwe le se a eletsang gore a thusiwe ka sone.
A re e le ba kereke ya Lontone ba dumela gore ba tshwanetse go fetola botshelo jwa motho ga sennela ruri, ka go mo fa thotloetso ya go ka itirela ka diatla gore a kgone go bona se se yang maleng.
Moruti Tiego o rotloeditse maloko a Lontone go tlotla moruti wa bone gore kereke e tswelele pele. Molalediwa wa tlotla mo letsatsing leo, Rre Nonofo Molefhi, yo e leng tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, o tlhalositse gore thomo ga se ya ga moruti a le nosi.
A re tiro e kgolo ya moruti ke go rera lefoko la Modimo fa phuthego e tshwanetse go lemoga letlhoko la mo kerekeng le la setshaba kwa ntle.
O kopile maloko go ntlafatsa ntlo ya Modimo go na le kwa malwapeng a bone. Rre Molefhi o tlhalositse gore kereke ke lefelo le e reng go na le letlhoko golo gongwe e thuse.
Mopalamente o ne a ntsha dikete tsa dipula di le masome matlhano go thusa mo ditirong tsa kereke. Moletlo o ne o tshwerwe ka moono o o reng ‘Lets Dine and Re-Build the Church’. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo wa go kokoanya madi
Date : 16 Sep 2014