Ba gakololwa go dirisa lenaneo la SHHA
16 Sep 2014
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Kgosietsile Mooketsi, o kopile Bakgatla go dirisa lenaneo la SHHA go ikagela matlo.
Fa a lekodisa banni ka ditlhabololo tsa khansele tse di saletseng kwa morago le go ba laela pele ga go iwa ditlhophong, modulasetilo o boletse fa mo lenaneong la SHHA moikopedi a fiwa P60 000 mme a sa lopiwe morokotso.
O tlhalosa fa go na le le lengwe le mo go lone moikopedi a kopang P45 000 fa a eletsa go tokafatsa ntlo kana go e atolosa.
Modulasetilo o tlhalositse fa moikopedi a tshwanetse go duela madi ao mo dingwageng tse di masome mabedi, mme a supa gore fa madi ao a sa busiwe ka nako, moikopedi o lopiwa morokotso.
Rre Mooketsi a re o tshwenngwa ke gore go na le bangwe ba ba sa dueleng madi ao.
Mo go tse dingwe, o supile fa ba kgonne go aga matlo a borutelo le boroko jwa barutabana mo dikoleng ka go farologana, a tlhalosa fa seemo e ne e le se se ngomolang pelo ka bana bangwe ba ne ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare.
O supa fa ba setse ba kgonne go aga lefelo la ditima molelo le a bolelang fa le setse le le mo tirisong.
A re ba kgonne go reka dikoloi tse di dirisiwang ke babereki, e nngwe ke e e timang melelo kwa sekgweng fa e nngwe e le ya mo matlong.
Rre Mooketsi o boletse gore ba rekile koloi e e dirisiwang go falotsa batho fa ba le mo kotsing e bile le bodiredi bo le teng le fa bo sa ntse bo tlhaela.
O tlhalositse fa ba kgonne go aga lefelo la itloso bodutu le maikaelelo a lone e leng go ngoka bajanala gore khansele e kgone go dira madi gore e dire ditlhabololo.
A re ba kgonne go dira tumalano le khamphani ya Amerika e e tlaa bong e dirisa lefelo la matlakala la Pilane go fetlha motlakase ka matlakala ao mme a supa fa seo se tsile go tlhamela bangwe mebereko mo Kgatleng.
O boletse gore le fa diofisi tsa kgotla di ne di le mo lenaneong la ditlhabololo, ga go a kgonega gore di agwe ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo mme le fa go ntse jalo go setse go ntshitswe madi a a tlaa rekang dikharabene tse di tlaa bong di dirisiwa go fitlhelela go agwa diofisi.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo o boletse fa bangwe ba ba neng ba nna go bapa le kgotla ba nnile maoto a tshupa go fuduga ntswa ba ne ba kopilwe go suta go ise go nne le kwelo tlase ya itsholelo.
Banni ba lebogetse ditlhabololo tse di dirilweng ke khansele.
Rre Joseph Setlhabi o boletse gore le fa ba fiwa ditsha ga di na ditlamelo di akaretsa metsi, ditsela le motlakase, jalo a kopa khansele go tsibogela seemo seo
Rre Rapula Molefe ene a re o tshwenngwa ke matimela ka khansele e na le go a tsaya fela le ntswa e bona tshipi ya mong mo dikgomong, jalo o ba kopile go nna ba ikgolaganya le beng ba dikgomo fa di na le tshipi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 16 Sep 2014