Breaking News

Go amusa ka lebele go siametse mmangwana

16 Sep 2014

Go amusa ka lebele go botlhokwa e seng mo leseeng fela le mo mmangwaneng gonne go fokotsa tatlhegelo ya madi ka go dira gore popelo e boele mo mannong ka bonako morago ga pelegi.

E rile a bua mo segopotsong sa go amusa ka lebele kwa Mmashoro bosheng, molomaganyi wa botsogo jwa setshaba mo sepateleng sa Sekgoma, Ngaka Onkgopotse Oduetse o ne a tlhalosa fa go amusa ka lebele go fokotsa dintsho tsa bana tse di bakiwang ke go tlhaela dikotla ka bana ba tlaa bo ba tsaya dikotla tsotlhe tse ba di tlhokang mo mashing a lebele.

A re setshaba sotlhe se tshwanetse sa tsaya boikarabelo jwa gore go amusa ka lebele go a amogelesega mme ba ka dira se fela ka go fa bomme thotloetso. 

Ngaka Oduetse o tlhalositse fa mashi a lebele a na le dikotla tsotlhe tse ngwana a di tlhokang ka jalo ngwana o tshwanetse go amusiwa ka lebele go fitlhelela a nna dingwaga tse pedi.

O tsweletse a  re bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano ba tshabelelwa ke tlala le mmopamo mme fa ba amusiwa ka lebele ba kgona go fema seemo se.

O tlhalositse fa mashi a lebele a thibela malwetse le megare mo ngwaneng, bogolo jang a ntlha a kgatsele ka a thusa go baakanya moalo wa mala gore o nonofe o ipaakanyetse go tshwara dijo tse di tiileng tse ngwana a tlaa di jesiwang  morago ga dikgwedi tse thataro.

Ngaka a re go amusa ka lebele ga go sologele lesea le le nosi molemo  go botlhokwa le mo mmangwaneng ka go se motlhofo gore a nne le kankere ya lebele le ya molomo wa popelo.

O tlhalositse fa mme yo o amusang a tsaya lobaka go bona setswalo ka jalo bogologolo bana ba ne ba katolosiwa sentle ka ba ne ba amusiwa lobaka  mme gape go dira jalo gone go o fa mmele wa mme sebaka sa go boela mo mannong.

O tsweletse a tlhalosa fa go amusa ka lebele go fokotsa go leswafatsa tikologo, ka mashi a lebele a sa tlhoke madirelo kgotsa mabotlele a e tlaa a reng kwa bofelong a leswafatse tikologo.

Ngaka Oduetse o gakolotse gore ngwana o tshwanetse go simolola go amusiwa  ka lebele oura ya ntlha a sena go tsholwa ka go dira gore mme le lesea ba nne le kgolagano  e e yang go tswelela le fa ngwana a sena go gola ka ba tlaa bo ba tlhaloganyana sentle.

A re go bereka ga go kake ga kgoreletsa mme  go amusa  lesea mashi a lebele, ka o ka a gamela mo sejaneng se se phepa mme ngwana a sala a a sielwa gonne  a kgona go nna dioura  di ferabobedi a ntse a siametse go ka sielwa ngwana.

O boletse fa mashi a lebele a ka tsenngwa mo setsidifatsing go ka dirisiwa mo dioureng tse di masome a mabedi le bone kgotsa a gatsediwa gore a dirisiwe lobaka lwa dikgwedi tse thataro.

O tlhalositse fa mme yo o nang  le mogare le ene a sa kgoreletsege go amusa ngwana ka lebele, ka a re ba bongaka ba a bo ba beile seemo sa gagwe leitlho go netefatsa gore o tsaya kalafi ka fa tshwanelong go thibela mogare go fetela mo leseeng ka nako ya fa a amusiwa ka lebele.

O kgadile thata bomme bangwe ba ba sa amuseng ka lebele ka ba re ba tshaba gore mabele a bone a tlaa tswa mo setshwanong, mme a tlhalosa gore mabele a tshwanetse go wa go sa kgathalesege gore a motho o amusitse kgotsa  nnya. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : SEROWE

Event : Segoptso sa go amusa ka lebele

Date : 16 Sep 2014