Breaking News

Dikgosi di okelediwa dithata

16 Sep 2014

Dikgosi di buseditswe dithata dingwe tsa tsone tse di neng di ntse di dirwa ke balaodi di akaretsa go saenela dipampiri tsa go isa mosekisiwa kgolegelong,  go ikanisa batho gammogo le go tlhatlosa madi a ba a atlholang mosekisiwa go tswa mo go P2 500 go ya kwa go P8 000.

E rile mo bokopanong  jo bo neng bo tsenwe ke  dikgosi tsa ditoropo kwa Palapye, mogolwane go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, a tswa mo lekalaneng la makgotla a Setswana,  Rre Godfrey Moitlobo a re o lemoga gore le ntswa go le botlhokwa go rutuntsha dikgosi mo go tsa molao, go tsaya lebaka go dira jalo ka ntlha ya tlhaelo ya madi.

A re ba na le makalana a fera bobedi a a agang lephata, ka jalo ka nako ya kabo ya madi lekalana lengwe le lengwe le tshwanelwa ke go bona bonyenyane.

Rre Moitlobo o rotloeditse tshwaragano le tirisano mmogo ya bakwaledi le dikgosi gore ba kgone go tlhabolola dikgaolo tse ba direlang mo go tsone. A re ga gona ka fa bobedi joo bo ka dirang bo sa rerisane, segolo jang fa go tla mo dikopong tsa didirisiwa tsa diofisi kana paakanyo ya tse di senyegileng.

O tsweletse a re bontsi ja bodiredi ja makgotla a Setswana ga bo tswelele pele ka ba sena dithutego tse di tlhokegang gore ba ka isiwa dikoleng tsa ithutelo ditiro go ba tlhabolola.

O ba rotloeditse go ikoketsa dithuto ka sekole sa BOCODOL, segolo jang ba ba santseng ba le dingwaga tse di kwa tlase. Rre Moitlobo o boletse fa molao wa paakanyo wa makgotla a Setswana o tsene mo tirisong mono ngwaga mme e bile ba tshwere ka thata go golaganya dikgotla ka dikhumpiutara gore ba kgone go fefosa dituelo tsa batho.

Dikgosi di supile fa ba tlhokana le go rutuntshiwa gore ba dirise molao sentle segolo jang fa go tla mo  dikatlholong. Bangwe ba re go a ba nyenyefatsa gore  gotwe ke badirelapuso e bile le  batho ga ba na go ba tsaya tsia mo tirong e ba e dirang.

Dikgosi di boletse gore go tlhoka dithutego tse di ka ba letlang go rutuntshiwa go ya pele ga bakwaledi go busetsa lephata kwa morago, ka jalo ba kopa gore  makgotla a Setswana a bopiwe sesha gore a tsamaelane le dipaka tsa nako eno.

Kgosi ya Broadhurst kwa Gaborone, Rre Rapula Somolekae  a re dikgang tsa ithutuntsho di  tlhoka mohiri wa lekalana la makgotla a Setswana go tla go tlhalosa ka tsamaiso le gore bone ba ya go rutuntshiwa leng.

Kgosi wa Block 8 kwa Gaborone, Rre Keineetse Sebele o boletse fa bogosi bo ikemetse ka nosi mme bo tlhoka go tokafadiwa le go fiwa serodumo se se bo tshwanetseng.

O supile gore kemedi kwa ntlong ya dikgosi e diga seriti sa bogosi ka go isiwa mongwe le mongwe fela le dikgosana tota gotwe di emetse dikgaolo mme  seo se digetse serodumo sa bogosi tlase. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Bokopano jwa khansele

Date : 16 Sep 2014