Breaking News

Dikgaisano di tlhoka lefelo le le siameng

16 Sep 2014

Molomaganya metshameko ya dikgaisano tsa ga tautona tsa ngwao kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Oromeletswe Maotwanyane a re kgwetlho e tona e ba kopanang le yone ke letlhoko la mafelo a a siameng go ka tshwarela dikgaisano mo go one.

E rile a bua kwa dikgaisanong tse di neng di tshwaretswe kwa Mantshwabisi bosheng, Rre Maotwanyane o tlhalositse fa metshameko ga mmogo le tsa mmino di tlhoka le go direlwa mo seraleng mme ka jaana ba sena dilo tseo mo motseng wa bone, ba felela ba patelesega gore ba direle fela mo lebaleng, selo se a reng se ama go ntsha bokgoni jwa badiragatsi.

Rre Maotwanyane a re gantsi mo dikgaisanong tse ba dirisa baithaopi e le maloko a dikomiti le mo go atlholeng  mme ka jaana ba sa duelwe ba  kgona  gore ba seka ba tla kwa dikgaisanong.

O tsweletse ka gore go na le letlhoko la dipagamo tse di ikanyegang ka jaana ditsela bontsi mo kgaolong eo di sa siama.

A re se se ama batsamaisi ba dikgaisanyo tseo ga mmogo le batsaya karolo ka bontsi ja nako ba nna ba goroga morago ga nako kwa dikgaisanyong ba bolela fa dipalamo tsa bone di robegile mo tseleng.

Kwa ntle ga tseo, Rre Maotwanyane o roletse badiragatsi ba kgaolo potlana ya Letlhakeng hutshe, a re ba tsaya dikgaisanyo tseo ka tlhoafalo ka  go se nako epe e ba a tleng ba tlhoke go iponatsa kwa dikgaisanyong ntle lefa ba na le mabaka a a utlwalang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : Letlhakeng

Event : Dikgaisano

Date : 16 Sep 2014