Batlhophi ba kopiwa go tlhopha Moenga
16 Sep 2014
Batlhophi ba kgaolo ya Ngamiland ba kgothaditswe go tlhopha Moruti Cosmos Moenga wa phathi ya kganetso ya Umbrella for Democratic Change ka e le moemedi wa tlhwatlhwa yo o nang le seriti sa go kopanya batho.
Se, se builwe ke Rre Ndaba Gaolathe bosheng, fa a ne a rola semmuso ntlhopheng wa bopalamente wa phathi eo kwa Gumare.
Rre Gaolathe o tlhalositse fa Rre Moenga e le mogaka yo o botlhale, a tlatsa ka gore, ntswa a bone thuto, ga a e dirise go ikgogomosa mme o tsisa tshiamo mo lefatsheng la Botswana. A re go mo tlhopha go ya palamenteng go mosola ka a itshupile e le rre yo o lerato e bile a le ponelopele.
E rile a ntsha dintlha tsa maitlamo a phathi ya bone a tlhalosa gore ba ikemiseditse go tlhabolola thuto ka go ruta Batswana tiro ya diatla, e seng fela go remelela mo go ruteng bana gore ba bereke kwa diofising.
O tlhalositse gore phathi ya UDC e itlamile gore fa e tsaya puso ga e na go tlogela ope kwa ntle, mme a tlatsa ka gore, gore puso kana batho ba fitlhelele ditoro tsa bone go botlhokwa gore go bo go epilwe mosele wa pula go sale gale, go na le tirisanyo mmogo, therisano le kabelano dikitso.
O kopile batlhophi go ema ka dinao go tlhopha sentle, ka kgololesego ya Botswana e le mo matsogong a bone.
E rile a ntsha la gagwe, ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Ngami Moruti Cosmos Moenga, a tlhalosa fa puso ya Domkrag e e sa bolong go busa e le puso ya ga Mmamosadinyana, mme phathi eo yone e romilwe fela.
A re fa a ka tlhophiwa o tlaa rurifatsa gore kgaolo ya gagwe o a e tlhokomela le go e direla ka gotlhe.
O kgothaditse diphathi tsa kganetso go kopana go bereka mmogo ka a dumela se, se ka ntsha phathi ya Domkrag mo pusong.
Moruti Moenga o emetse ditlhopho tse, a gaisanya le Rre Taolo Habano wa Botswana Congress Party le Rre Thato Kwerepe wa phathi ya Botswana Democratic Party. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya sepolotiki
Date : 16 Sep 2014