Breaking News

BCP ga e gane bokopano

16 Sep 2014

Ntlhopheng wa bokhanselara wa Botswana Congress Party (BCP) kwa Lotsane mo kgaolong ya Palapye, Rre Maina Kgopo, a re BCP ga e a gana go kopana le diphathi tse di ngwe tsa kganetso.

E rile a bua mo phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwaretswe mo kgaolong ya Morupule kwa mabaleng a sepolotiki a Mogotlho, Rre Kgopo a tlhalosa fa BCP e le yone phathi e e batlang gore diphathi di kopane, a fa sekai ka diphathi tse tlhano tse a reng di kopane le yone jaaka  Botswana Independent Party (BIP) le National Democratic Front (NDF) le tse dingwe.

Rre Kgopo a re bone e le ba phathi ya BCP ba sa ntse ba na le keletso ya go kopana le diphathi tse dingwe tsa kganetso go lwantsha go tsaya puso mo phathing e e busang.

O tsweletse ka go kopa batlhophi ba kgaolo ya Morupule mo Palapye go tlhopha Rre Jordan Makhura go ba emela kwa khanseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya sepolotiki

Date : 16 Sep 2014