Mosantedi molwantsha borukutlhi wa popota
15 Sep 2014
E re le ntswa Batswana ba lela ka dituelo tse di kwa tlase, go santse go na le bangwe ba ba ikhitshitseng ditlhabelo go direla setshaba sa gaabo kwa ntle ga dituelo dipe.
Rre Kgopa Mosantedi, rre wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi wa kgotla ya Herero kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kagalagad ke motswa setlhabelo mo go lwantsheng borukutlhi mo motse wa gaabo le ntswa go sena dikatso dipe.
Fa a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Rre Mosantedi kana CID kana Surgent jaaka bangwe ba mmitsa o sale a simolotse go dira mo komiting ya twantsho borukutlhi dingwaga dika feta masome a mabedi le botlhano tse di fetileng, ba okametswe ke ba sepodise sa Botswana mo go seo sebaka seneng se direlwa kebo Rre Mackenzie le bo Rre Koko.
Rre Mosantedi o tlhalosa fa seemo sa borukutlhi le ditiro dingwe tse di neng difitlha mo motseng wa gagwe e le sone se se bakileng gore a ikentshe setlhabelo go bona fa motse wa Omaweneno o fetoga.
Re arametse mosi wa dikgong tse di metsi mo tirong e ya twantsho borukutlhi, re a kgobiwa ka dipuo, re bitswa maina le ao a a ka se buiweng ke motho ele modumedi jaaka nna le matlhapa a a tsitsibanyang mmele mme fela lorato, bopelotelele le maikaelelo a go bona Omaweneno ele motse o o sireletsegileng ele tsone tse di dirang gore ke rwale ditlhako moso le moso go dira tiro e ke e ithaopetseng e, a tshwaela.
One a tlatsa ka gore lebaka la gore abo a kgonne go dira tiro e ka lobaka lo lo kana ke gore one a rutuntshitswe ke bagolo ba ba neng ba dira tiro e ka botswapelo le lorato le letona.
Are bontsi jwa batho ba a simolotseng go dira le bone ka dingwaga tsa bo 1986 ba setse ba fudugile mo lefatsheng le le ka kwanao fa bangwe ba tlogetse ka ntlha ya bogodi mme fela a santse a boela ko go ba ba santseng ba le teng fa a tlhoka tsa bogakolodi.
Fa a tlhalosa “CID” are tirisano mmogo e ntle le batho ke yone e e tlhofofatsang tiro ya gagwe, a tlatsa ka gore ere le ntswa nawa ya phure e senke e tlhokega fa gare ga tse dingwe go santse gona le bao ba ba santse ba pala go dirisana le bone sentle mme fela ba sa ba felele dipelo.
Fa a tlhalosa Kgopa are ka dinako tse a simolola go dira mo komiting ya twantsho borukutlhi gone go sena dikatso dipe, mme babereki bangwe ba ba neng ba le pelo tlhomogi bane ba kgona go ba latlhelela sengwe gore le bone ba kgone go reka molora.
Are ene yare fa dingwaga di ntse di katologana ba tsena mo komiting ya mosako e eleng yone e okametse baitlhaopi mo sepodiseng mme ya nna gone ba kgonang go bona dikatsonyana le ntswa e se tsa sepe.
Rre Mosantedi one a kgala asa kgwe mathe batho segolo bogolo banana ba gompieno are ba eteleditse lorato la madi ko pele, ka jalo mowa wa boithaopo le lorato la go bona kgatelopele disa tlhole dile teng.
One a tlatsa ka gore tlhabololo ya motse e mo magetleng a banni ba one, ka jalo are o rotloetsa banana go ema ka dinao ka ele bone fela ba ba ka isang seemo sa borukutlhi le go bo fedisa tota ko tlase.
Kgopa one a tlatsa ka go supa fa ele motho yo o ratang go thusa mo ditiro le ditlhabololo tsa motse wa Omaweneno, a supa fa a thusa thata mo dintshong, manyaolo le mo tsamaiso ya ditsheko mo dikgotlaneng tsa motse wa gagwe ka kakaretso go sa kgatalesege gore a ke a nna mo go yone kana jang.
One a tswelela a tlhalosa fa bogogi jwa motse bo rata tiro ya gagwe fela thata ka e kgona gore nako dingwe ba mo latlhelele lemmenyana go supa fa le bone ba lebogela seabe sa gagwe mo setshabe sa motse wa Omaweneno, ka jalo a re se se itumedisa fela thata are se se supa gore tiro e ntle e a e dira e a bonala.
Fa a digela Rre Mosantedi are o eletsa gore dikomiti tsotlhe fela tsa boithaopi dika atswiwa ka sengwe ka seo se ka dira gore ba tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo, a supa fa tiro e ya twantsho borukutlhi e baya matshelo a bone mo kotsi le gone go tlhoiwa ke ba ba ba senang boikarabelo.
One a kgala badirela puso segolo thata ba sepodise ba o fitlhelang ba sokamisa molao le go tlhoka lorato mo tiro ya bone are seo ke sone se se dirang tiro ya twantsho borukutlhi go nna thata.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Gagankalafe
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 15 Sep 2014