Re a Nyalana e botlhokwa
15 Sep 2014
Kgosi Girl Jacobs wa Gakhibana kw kgaolong ya Kgalagadi o gwetlhile banni ba kgaolo eo go ikwadisa mo mokgatlhong wa Re a Nyalana ka o ka sologela molemo baratani ba ba tshelang mmogo lebaka le leele ba sa nyalana.
Mo tshimolodisong ya mokgatlho o mo kgaolong ya gagwe jaaka go ne go nyadisiwa baratani ba le borobabongwe ba dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le bone go ya kwa go masome a supa mo motseng oo bosheng, Kgosi Jacobs o tlhalositse fa a utlwaletse mokgatlho oo mo seromamoweng le mo thelebisheneng mme a nna le kgatlhego ya go batla go tlhaloganya gore maikaelelo a one ke eng morago ga go tshwenngwa ke baratani ba nnang mmogo lebaka ba sa nyalana mo motseng wa gagwe.
O supile fa a ne a itshwaraganya le ofisi ya ga molaodi go tlhaloganya botoka mme kopo ya gagwe ya atlega mme mokgatlho wa goroga mo kgaolong eo.
Kgosi Jacobs a re dikgang tsa baratani ba ba tshelang lebaka ba sa nyalana di na le ditlamorago tse di ngomolang pelo mme a supa fa di ba tshwentseng fela thata ele ba bogosi. A re gantsi fa go tlhokafetse rre, batsadi ba gagwe ba lwela dithoto ba lebala gore o tlogela bana.
E rile a nyadisa le go laya banyalani, mothusa molaodi, Mme Peggy Kutlase a tlhalosa fa ba lebogela mokgatlho o maikaelelo magolo a one e leng go rotloetsa manyalo a a ka fa molaong mo lefatsheng leno ka bophara. O tsweletse a tlhalosa ka molao o mosha wa lonyalo wa tlhakanelo dithoto o o tseneng mo tirisong kgweding ee fetileng ya Phatwe.
O kopile banyalani go tlotlana le go ratana ka nako tsotlhe a kaya fa therisano, puisano le go gakololana e le di ya thoteng di bapile mme di ka aga lelwapa le le itsetsepetseng. Mme Kutlase o boletse fa balaodi ba sa beye sebete tlhalano ka e na le ditlamorago tse di amang bogolo jang bana.
O supile fa banyalani ba tshwanetse go kgaoganngwa fela ke loso kana go kgaogana semmuso kwa makgotla tshekelong fa ba paletswe ke go tshela mmogo jaaka ba ikanne fa ba nyalana.
O tsweletse a gwetlha banni ba Kgalagadi go inaakanya le go ikwadisa mo mokgatlhong oo ka o ka thusa thata go fokotsa dipalo tse dintsi tsa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana mo kgaolong eo.
E ne e rile a akgela go le pele, Sergeant Itumeleng Morobisi go tswa Tsabong a kgala borre ba ba kgokgontshong bomme morago ga go ba nyala mme a ba kopa go tlogela mokgwa oo gonne a re motho a ka tseelwa dikgato tse di gagametseng fa dira jalo.
Sergeant Morobisi yo gape e leng moruti wa kereke ya E.R.P Unity Church o gwetlhile banyalani bao go kopa dithuso le dikgakololo mo go ba ba lebaneng ba tshwana le mapodisi, balaodi, baruti le dikgosi go ba sidila maikutlo le go tswa ka ditharabololo tsa dikgang tse di ba tshwenyang mo diemong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo botshelong.
Mokhanselara wa motse oo, Rre Merapelo Mosarwe o boletse fa a leboga ba mokgatlho oo thata ka o le mosola fela thata gonne o tla naya banni ba kgaolo eo seriti sa go nyalana ka fa molaong ka ba ntse ba sa kgone ka ntlha ya go tlhoka dithata.
Rre Mosarwe o kopile dikgosi tsa metse e mengwe go tsaya malebela mo go bone gore le bone ba tle ba akole lenaneo leo.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Tshimolodiso ya mokgatlho
Date : 15 Sep 2014