Siele a re molao wa bana o diragadiwe
15 Sep 2014
Batswana ba kopilwe go sala morago molao wa bana ka jaana o diretswe go sireletsa bokamoso jwa bone.
E rile tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele a buisa phuthego kwa Morwa ka Labotlhano a tlhalosa fa molao oo, o o tseneng mo tirisong ka 2009, mme o patika batsadi go tsaya boikarabelo jwa bana ba bone le gone go bona gore ba gola ka tsela e e babalesegileng.
Tona Siele a re puso e tshwenyegile ka batsadi bangwe ba ba sa kgalemeleng bana ba bone ba re ba na le ditshwanelo.
A re molao oo, ga o kganele batsadi go kgalema bana fa ba sa dire sentle kana ba dira boithatelo, a supa fa kgalemo e tshwanetse ya nna e e kaelang ngwana e seng e mo senyetsa bokamoso.
O tsweletse a re go lemosegile fa go na le batho bangwe ba ba santseng ba dikologa molao oo ntswa o le mo tirisong ka jalo a kgothatsa batsadi go emela bokamoso jwa bana ba bone ka dinao le go itse ditshwanelo tsa bone tse di kwadilweng mo molaong oo.
A re ga go a tshwanela gore batsadi ba ithole tlhokomelo ya bana ba bone ba beile mo goreng puso e ba tlhokomela bogolo jang ka go na le bana ba le bantsi kwa SOS, Childline le makgotla a mangwe a a ikemetseng ka nosi a a nang le bana ba ba senang batsadi.
O supile fa selo seo e le bosetlhogo mo ngwaneng ka jaana a gola a sa itse mmaagwe le ene rraagwe tota mme a kopa batsadi gore ba itse gore ngwana o na le tshwanelo ya go tshela mme e bile a na le leina le le siameng e seng le le mo sotlang kana le mo kgoba.
O boletse gore go na le bomme bangwe ba ba latlhang bana mo mebileng fa bangwe ba ba tlogela kwa dipateleng mme a re seo se supa fa bomme bao ba ne ba sa ipaakanyetsa go tshola ngwana.
O tlhalositse gore bomme bao ba tshwanetse go tlhaloganya gore ngwana ga a na molato ope ka o tlisitswe ke batho ba le babedi mo lefatsheng.
Tona Siele a re molao wa bana o fa ngwana tshwanelo ya go itse batsadi ba gagwe boo babedi e bile o tshwanetse a fiwa ditlamelo tsotlhe gore a tshele sentle.
O boletse gore ngwana o tshwanetse a akola ditshwanelo tsa botshelo e bile a gola sentle ka jaana tlhokomelo ya ngwana e mo batsading ka bobedi.
A re ngwana o na le tshwanelo ya go rutiwa le go kaelwa ke batsadi ba gagwe le go mo fa tsotlhe tse a di tlhokang gammogo le tshwanelo ya go sirelediwa kgatlhanong le go dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba sale ba botlana.
Fa ba mo kgwa kgaba, banni ba lebogetse Tona Siele go ba tsibosa ka molao oo bogolo jang ka dikgang tsa bana e santse e le phitlhela kgomo ya serotswana mo ngwaong ya Setswana.
Ba re le fa go ntse jalo, nako ya go raya ngwana o re rraagwe o gatilwe ke terena, o jelwe ke tau kana o meditswe ke kwena e fetile le bana ba gola ka tsela e e pharologanyo le ya maloba.
Mme Julia Keebone o lebogetse gore maina a borabana a bo a kwalwa mo setlankaneng sa matsalo mme a kgothatsa balekane ba gagwe go sala molao morago ka jaana kgang e le ngwana e seng bone.
Kgosi Masisi Ntshole o tlhalositse fa batho ba ba tsenang mo nyalong ba fitlhela bana ba lebaganwe ke dikgwetlho bogolo jang fa yo mongwe a ka tlhokafala e bile e le wa mme ka ba masika ba bolelela ngwana fa rre wa lwapa e se motsadi wa gagwe wa nnete.
A re se se ngomola pelo ka monna yo o ke gore oa bo a tsere matsapa a godisa bana bao ka lorato e bile a sa ba farologanye le ba a ba tshotseng le mme yoo.
E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi Ntshole a lemotsha Tona Siele fa ba tlhaelelwa ke boemedi jwa makgotla a Setswana mo motseng wa bone mme tona a mo tlhomamisetsa fa kgang eo e tla rarabololwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MORWA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Sep 2014