Breaking News

Botsogo konokono

15 Sep 2014

Botsogo ke karolo ya botshelo ya konokono ka jalo bo tshwanetswe go tshwaraganelwa ke babereki le ba malwapa a bone ga mmogo le setshaba ka kakaretso.

E rile a bua kwa moletlong wa botsogo wa khamphani ya Komatsu kwa Orapa ka Matlhatso, mokgothatsi yo o ikemetseng , Dr Ditiro Majadibodu  a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go fetola botshelo jwa gagwe ka bontsi jwa batho ba santse ba tshela botshelo jwa go itumedisa batho ba sa le lebelele matshelo a bone.

O rotloeditse babereki ba khamphani eo go ikgapha mo tirisong nnotagi phetelela ka jaana e ama botsogo le tiriso ya madi mme a ba kgothatsa go ithuta go dirisa madi ka kelelelo le ka thulaganyo.

Dr Majadibodu o boletse fa ba bongaka ba rotloetsa batho go itlhatlhobela malwetsi a a diphatsa e bile a sa fole a akaretsa madi a matona, sukiri, HIV/AIDS gore ba fiwe kalafi go santse go na le nako, ba ba setseng ba amegile bone ba rotloediwa go sala ditaelo tsa ba botsogo morago le go ja dijo tse di siametseng botsogo ja bone.

O tlhalositse gore fa babereki ba itekanetse ba ka ntsha maduo mo tirong ka jaana ba sa kgorelediwe ke makoa a a dirang gore ba bo ba seyo mo tirong nako e ntsi ba ile dikokelong kana ba filwe malatsi a go ikokela kwa malwapeng ke ba bongaka.

Mookamedi wa kompone ya Komatsu, Rre Gosentswemang Pusoloso o tlhalositse fa botsogo jo bo siameng bo akaretsa ja tlhaloganyo, ja mmele, ja mowa, ja  tlhaloganyo le botshelo ja tiriso ya madi.

A re maikaelelo a kompone ya bone ka botsogo ja babereki ke go ruta le go ema nokeng barulaganyi ba botsogo ba kompone eo le go nna le lenaneo la botsogo le le feletseng gammogo le go tshwara moletlo wa botsogo ngwaga le ngwaga.

Moletlo oo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng” Ke nna phetogo”. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oarabile Mawele

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo wa botsogo

Date : 15 Sep 2014