Breaking News

Ba Kaputura ba kopa gore motse o tlhomamisiswe

15 Sep 2014

Banni ba Kaputura mo kgaolong ya Okavango ba kopile puso go tlhomamisa motse wa bone semmuso ka jaana o godile.

Mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Dupo Robert o boletse fa dipalo tsa bone di letla gore motse o ka bo o setse o tlhomamisitswe gore ba kgonne go akola ditlamelo segautshwane.

A re motse wa bone o ka fa mosing ka go sena le fa e le ditlhabololo dipe tse ba ka ipelafatsang ka tsone mme le fa ba dira dikopo di sa atlege ka jaana komiti ya bone ya ditlhabololo e sa ikemela ka nosi e tshwaragane le ya motse wa Kauxwi.

Rre Robert o tsweletse a supa fa motse oo o akarediwa mo metseng ya tengnyanateng mme a supa fa dithuso tse di ba tshwanetseng di le boutsana go goroga kwa go bone.

A re ditlamelo tsa botsogo ke selelo se setona ka jaana bana ba kgona go tlolwa ke sekale fa bangwe ba ba tsayang kalafi ya diritibatsi le bone ba na le kgwetlho ya go di latela ka ntlha ya letlhoko la dipalamo.

O tsweletse a supa fa bangwe ba dira maiteko go latela ditlamelo kwa Kauxwi dikhilomethara di le tlhano go tswa mo motseng wa bone mme a re seo se baya matshelo a bone mo diphatseng ka jaana ditlou di saila naga yotlhe.

A re o dumela gore fa motse wa bone o ka tlhongwa semmuso, seemo sa botshelo se ka fetoga ka ponyo ya leitlho.

O boletse fa mo nakong eno botlhoki bo iphile maatla, bagodi ka bontsi ba tlhoka bonno fa banana bone ba saila fela bangwe ba nna meriti le batsadi ka ntlha ya letlhoko la ditiro.

A re lenaneo la Ipelegeng ke lone fela mokokotlo wa itsholelo mo motseng oo mme a supa fa go ngomola pelo ka le ka seke le ba hire botlhe nako e le nngwe.

Rre Robert o ikuetse gape ka letlhoko la metsi mo motseng, a supa fa ba kgona go nna dibeke di feta tharo ba le mo lenyoreng jalo go ba tlama go latela metsi kwa metseng e e mabapi e a reng e sekgala go tswa mo go wa bone.

Banana ba motse oo le bone ba iteetse kobo moroko mafoko a modula setilo ba tlhalosa fa botshelo bo le thata ka le one mananeo a banana ba sa atlege mo go one.

Bangwe ba re e re le ntswa puso e ba thusitse ka go ba tsenya dikole, mathata ke gore ga ba na ditlankana tsa go ka iphataphatela ka go batla mebereko.

Mongwe wa banana, Rre Ben Mateusi a re o sale a fetsa kwa sekoleng se segolwane sa Ghanzi ka 2004 mme go thata gore o ka bona setlankana sa gagwe ka e rile fela a sena go fetsa sekole, khansele ya emisa dithuso ka jalo ga a kgone go ka ya go tsaya setlankana.

A re banana ba motse oo ba le babedi fela ke bone ba atlegileng ka ba ne ba kgona go amogelwa ke ba sepodise ka thotloetso ya trust ya Tocadi e e okametseng metse le metsana ya kgaolo ya Okavango. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : KAPUTURA

Event : Potsolotso

Date : 15 Sep 2014