Lephata la thuto le aba dietsele
15 Sep 2014
E rile bosheng lephata la thuto mo kgaolong potlana ya Mahalapye la abela baithuti, barutabana le badiri ba lone dietsele go ba akgolela go dira ka natla le go ba tiisa moko mo tirong ya bone.
Fa a amogela baeng, Kgosi Tshipe Tshipe o tlhalositse fa tiro ya borutabana e le ya tlhwatlhwa ka ke yone e alosang bommantswitswidi ba ditiro tse di farologaneng.
A re le fa ntswa barutabana ba sa tsewe tsia ba tshwanetse go ipelafatsa ka barutegi botlhe ba tswa mo diatleng tsa bone. E rile a tswa la gagwe, mongwe wa barulaganyi ba moletlo, Rre Johannes Mokomane a tlhalosa fa ba sala ba simolola tiro ya sebopego se ka 2010 mme ba tsweletse ka go tshegetsa kabo dietsele e ngwaga le ngwaga.
O tlhalositse gore konokono ya tiro ya mothale o ke go lemoga le go leboga batho ka bongwe ka bongwe ka maduo a tiro e ba e dirileng.
A re se sengwe ke go itshekatsheka e le lephata go leba kwa morago go lemoga tse ba di kgonneng le tse ba sa atlegang mo go tsone gore ba kgone go tokafatsa maduo.
A re tiro ya mothale o gape e abo e le go rotloetsa ba ba ka tswang ba kgonne ga mmogo le ba ba sa kgonang go dira sentle gore ba itsose ka phokoje wa morago dintsa di mmone.
Fa a itebaganya le batsaya dietsele, sebui sa tlotla sa letsatsi e bile ele moitseanape wa matlotlo wa Botswana Railways, Rre Baemo Bantsi, o lebogile barulaganyi ba kabo dietsele a tlhalosa fa moletlo o, o le botlhokwa ka gonne tlhabologo ya motho e simolola kwa thutong.
A re nako e ntsi batho ga ba ke ba lemoga bontle jo ba bo dirang go fitlhelela mongwe a ntsha kakgolo ka jalo a supa fa go le botlhokwa go lemoga fa bana gammogo le badiri ba dirile ka bokgabane ka go akgolwa.
A re puso ya lefatshe leno e itlamile go rotloetsa go dira ka natla ke sone se e abelang badiri ba ba dirang ka bokgabane dietsele gammogo le go isa bana ba ba gaisitseng ba bangwe kwa moseja go ya go dira dithuto tse di faphegileng.
Rre Bantsi a re ka tsela e e tshwanang Botswana Railways le yone e gata fela mo motlhaleng o o tshwanang, ka ba itlamile go rotloetsa katlego mo thutong.
O tsweletse a re mo nakong eno ba rotloetsa kgaolo ya Shoshong kwa ba dirileng kgaisano ya sekole se se dirang go gaisa.
O supile gape fa ba rotloetsa sekole se se golwane sa Madiba ka ba na le kgaisano ya go kwala dipolelo ka teme ya Setswana mme ba atswe bafenyi mme mogodimo ga moo ba isitse bana dithutong tsa tiro tsa diatla.
O gwetlhile baithuti go lemoga fa ba le lesego ka thuto e ba tlela fela mahala ntle le tshokolo go na le pele fa batsadi ba ne ba tshwanelwa ke go ngakalala go netefatsa gore bana ba bone ba bona thuto ka jalo a re ba tshwanelwa ke go dira ka thata gore ba tlotlomatse lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo-dimpho
Date : 15 Sep 2014