Breaking News

Banni ba akgola puso

14 Sep 2014

Banni ba Dikgonnye mo kgaolong ya Kgatleng ba lebogile puso go bo e goketse motlakase mo motseng wa bone.

Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke maphata a puso a a farologaneng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kgotso Motlhabane o supile fa ba gokeletswe motlakase morago ga gore ba ikuele mo pusong.

A re ba lebogela puso go tla ka lenaneo la Tirelo Sechaba ka jaanong ditiro tsa bone di tsamaya sentle gonne ba thusa mo maphateng ka go farologana.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Dikgonnye, Rre Sebilong Motlhaping o supile fa motlakase kwa sekoleng o tsisitse pharologanyo e ntsi gonne thuto ya segompieno e tlhokana le one. 

Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke go tlhoka motshine o o ntsifatsang dipampiri.

Mme Lydia Keatlholetswe go tswa kwa ofising ya ga molaodi o  rotloeditse batho ba ba tshotsweng ka 1966 go tsenelela mmabontle le rabontle e le tsela ya go itumelela go ipusa ga lefatshe leno go ya kwa ngwageng wa 2016 fa Botswana a tlaa bo a le dingwaga tse di masome a matlhano.

O supile fa mo kgaisanong eo, mofenyi a tlaa atswiwa ka P5 000, maemo a bobedi e le P3 500 mme wa boraro ene a tlaa itswela ka P1 500. 

A re ba ba tlaa bong ba sa fenya ga ba na go tswa ba iphotlhere ka le bone ba tlaa atswiwa ka P700 mongwe le mongwe.

Mme Keatlholetswe o rotloeditse kgaolo nngwe le nngwe go dira kgaisano eo, a tlhalosa fa botlhe ba ba fenyang mo dikgaolong tsa bone ba ya go gaisana le ba dikgaolo tse dingwe.

 A re kgaisano eo e tlaa dirwa ngwaga le ngwaga ka Lwetse go fitlhela ka 2016.

E ntse e le kwa phuthegong eo, Mme Mariam Maseke go tswa kwa lephateng le le itebagantseng le go jesa bana ba dikole tse dipotlana le dikokelo, o supile fa a sa itumedisiwe ke dijo tse di nnang di senyega mo dikoleng le mo dikokelong gonne o tlhalosa fa ba tsisa dijo tse di lekaneng palo ya bana, jalo o ipotsa gore ke eng go nna le tse di senyegang. 

O tlhalositse fa ngwana yo a fitlhetseng go se na dijo nako ya sekale a na le tetla ya go ya go phaka dijo tseo fa di setse di le teng.

E ne ya re ba akgela, banni bolela fa ba sa itumedisiwe ke tsela ya motse wa bone ka e ba senyetsa dikoloi, ka jalo ba kopa molaodi go e tsibogela. 

Ba boletse fa ba se na koloi mo kokelong mme ba tlhalosa fa ba dirisa tsa bone fa go na le molwetse yo o tshwanetseng go isiwa kwa kokelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Neo Mpete

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya morafe

Date : 14 Sep 2014