Tuelo e kwa legodimong
14 Sep 2014
Botlhe ba ba tsweletseng ka go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba tlaa duelwa ke Rraetsho yo o kwa legodimong.
Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele jaaka a ne a bula semmuso ntlo yoora Makgolwane kwa Lerala ka Labotlhano (12/09/2014).
Rre Maele o ne a akgola khamphani ya Partners Maintenance go bo ba bone go tshwanela gore ba agele boora Makgolwane ntlo ya dikamore tse pedi, ntlwana ba bo ba ba rekela dikobo le diaparo.
A re ba le bantsi ba tshwanetse go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke khamphani eo, segolo jang ka e le ya banana.
O boletse gore fa banana ka bontsi ba ka nna le mowa o o tshwanang le o, lefatshe leno le tlaa tsoga le na le baeteledipele ba ba tiileng.
Rre Maele a re fela o maswabi ka gore tiro e e dirilwe ke bana ba ba tswang kwa ntle ga Lerala.
A re mongwe mo motseng wa Lerala o ka bo a ne a lemoga seemo sa boora Makgolwane pele se lemogwa ke baeng ba ba tsileng Lerala ka tsa tiro.
A re le fa motho a se na se a ka thusang ka sone, go supa mowa wa lorato ke selo se se molemo.
Rre Maele o ne a akgola ba ba thusitseng Partners Maintenance go lemoga lolwapa loora Makgolwane.
Rre Tiisetso Masasa wa Partners Maintenance o supile fa lorato le mowa wa kutlwelobotlhoko e le tsone tse di ba gwetlhileng go thusa boora Makgolwane.
O kaile gore o fitlhetse boora Makgolwane ba ba nnang ba le lesome le bongwe ba nna mo seemong se se sa iketlang.
A re ba ne ba utlwalela ka botshelo ba boora Makgolwane ka mongwe wa banana ba Lerala mme ba seka ba eletse go utlwa se gape.
Rre Masasa o supile fa khamphani ya bone e ntshitse P36 000 go thusa.
O kaile fa dithuso tse dingwe ba di neilwe ke bagwebi bangwe mo Lerala mme ntlo ya agwa ke baithaopi.
O boletse fa kago e ba tsere dibeke tse tharo fela.
A re gape o ne a buisana le mongwe wa bagwebi gore a thape monana mongwe mo lelwapeng leo mme ba dumalana.
Mme Sesi Makgolwane yo o neng a abelwa ntlo o ne a supa boitumelo jo bogolo.
O ne a rotloetsa Partners Maintenance go tswelela ka mowa o ba nang nao gore ba kgone go thusa ba bangwe.
A re e ne e re ka nako tsa dipula ba bo ba tshabela ka fa tlhase ga setlhare ka ntlo ya bone e ne e se na borulelo jo bo itsetsepetseng, ka jalo ba tshaba go welwa le ditena.
O solofeditse gore ba tlaa sala ba tlhokometse mpho eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : LERALA
Event : Pulo semmuso ya ntlo
Date : 14 Sep 2014