Breaking News

Ba tlhoma Kgosi Nkwe

14 Sep 2014

Kgosana Matlhare Nkwe o kgothaditswe go tshwara morafe wa gagwe ka tekatekano, go o sireletsa le go o letlanya ka botswapelo gore o tle o mo tshephe.

Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosi wa Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi jaaka a ne a tlhoma Kgosi Nkwe mo setilong kwa kgotlaneng ya Madisakwana, kwa Ramotswa ka mafelo a beke.

Kgosi Mokgosi o tlhalositse fa tiro ya bogosi e le kgwetlho, mme go le botlhokwa gore Kgosi a itse fa morafe wa gagwe o farologana ka maikutlo le boitshwaro.

O tlhalositse fa go le botlhokwa go tshwaragana le morafe, mme a mo rotloetsa go dirisana le magosana a dikgotla tse dingwe, gore a tle a kgone go anywa go le go ntsi mo go bone.

O mo gakolotse gape go dira ka natla jaaka ba ba fetileng, a bo a mo kopa go tshegetsa serodumo se Badisakwana ba itseweng ka sone sa kagiso, le gone go epolola bokgoni jo ba nang le jone.

Kgosi Mokgosi o mo rotleditse go itse bokgoni jwa morafe wa gagwe, a bo a ba abele ditiro go ya ka bokgoni jwa bone, mme ba dire ditiro tsa bone ka thulaganyo.

O boletse fa motse o agwa ke makgotla, mme makgotla a agwa ke malwapa, mme a leboga fa Kgosi Nkwe a na le Mosadi le bana. 

O gakolotse Kgosi go se rwale bogosi ka tlhogo, ka jaana o ka timelelwa ke tsela ya se tota bogosi e leng sone.

E rile a amogela thomo, Kgosi Nkwe a supa fa a ikaelela go e dira ka bonatla go tsweledisa fa a ntseng a tshwere teng.

O supile fa a ka kgona se fela fa a tshwaraganye le morafe, a bo a ba kopa go mo gakolola fa a dira phoso.

O kopile morafe go tsena diphuthego tsa kgotla fa a bitsa, ka gore fa ba sa tle ba ka mo paledisa tiro.

Malomaagwe Kgosi Nkwe, Rre Thapelo Molefe, o tlhalositse fa tiro ya bogosi e le bokete, a bo a supa fa bangwe ba tlaa leka go mo timetsa ka go mo fa pipamolomo masigo, mme a mo gakolola go tsepama le go tshephega. 

O kopile morafe go gakolola kgosi fa a dira phoso, gore a tle a kgone go dira tiro ya gagwe ka botlalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Go bewa ga kgosi

Date : 14 Sep 2014