Breaking News

Bana ba tshwanetse go itse botlhokwa jwa boipuso

14 Sep 2014

Batswana ba rotloediwa go ruta bana ka mosola wa boipuso.

Se se builwe ke Mmatoropo wa Lobatse, Mme Caroline Lesang jaaka a ne a bula tshimolodiso semmuso letsatsi la go ipelela boipuso jwa monongwaga ga mmogo le tshimolodiso kgwedi ya merapelo bosheng. 

Mme Lesang a re sekano sa boipuso se magoboka ka jaana se ka supa dilo tse di farologanyeng jaaka go nna ka thokgamo go se na dintwa tse di kukelang mo lefatsheng tse di ka bakwang ke dilo tsa go ka tshwana le semorafe, tumelo kana lotso ka mmala.

O tlhalosa fa lefatshe leno le ne la tsaya boipuso ka 1966 ka dipuisanyo tse di lolameng go se na tshololo ya madi, ka jalo a kopa setshaba go lebogela maiteko ao le gore ba tswelele ba tshegeditse tsamaiso eo go tswelela go nnwa ka thokgamo.

O ne a kopa gape gore setshaba se ithute pina ya setshaba go itse ka manontlhotlho a gatelela gore e tshwanetse go opelwa ka tlhompho e le tsela ya go isa malebo kwa Modimong le bagaka ba ba lwetseng boipuso jwa lefatshe leno.

Mma Lesang o ne a rotloetsa setshaba go apara kapari e e nang le mebala ya folaga ya Botswana ka jaana a tlhalosa fa e le tsela ya go supa fa Batswana ba ipelafatsa ka lefatshe la bone, a supa fa go ka tsala mowa wa popagano.

O ne a kopa banni go tswa mo dikgotleng tse di lesome le bobedi mo Lobatse go netefatsa gore ba tsenya letsogo mo dipaakanyong tsa go ipelela boipuso gore bo tle bo atlege.

Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa, Lobatse Rre Ernest Phiri, o tlhalositse fa boipuso jwa monongwaga e le matlhagolela tsela ya boipuso jwa 2016 jaaka lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa.

Ka jalo a tlhalosa fa Lobatse a filwe P91 662 go tshwara ditirelo tse di farologanyeng jaaka dikgaisano tsa kgwele ya dinao ya ditlhopha tsa bomme le borre, rabontle le mmabontle ba ba tshotsweng ka 1966, ditirelo tsa dikereke, dikgaisanyo tsa diletso le dijo tsa setso.

O tlhalositse fa ditiro tse go dirilwe gore di nne le dikgaisanyo e le tsela ya go tlotlomatsa bodiragatsi jwa mo gae le go ribolola botswerere mo Batswaneng.

A re maikaelelo ke go tsosolosa serodumo sa lobebe lwa ngwao e Batswana ba tumileng ka yone.

Kgosi Letsholo wa Woodhall o ne a kopa setshaba go tshwaragana le go bopagana, a tlhalosa fa e le tsone diikokotlelo tsa go ka tsamaisa ditirelo tsa lefatshe ka bonokopila. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LOBATSE

Event : Tshimolodiso semmuso ya go ipelela boipuso

Date : 14 Sep 2014