Metsibotlhoko o lebogela Ipelegeng
14 Sep 2014
Banni ba Metsibotlhoko mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba tlhalositse fa ba akola ditlhabololo ka lenaneo la Ipelegeng.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mongwe wa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Kelennetse Moatshing o kaile fa ba agile leobo la kgotla ya motse ka lenaneo la Ipelegeng mme mo nakong eno ba aga matlwana a boitiketso a le mabedi, e nngwe kwa mabitleng fa e nngwe e le kwa sekoleng gammogo le ofisi ya kgotla.
O tsweletse a bolela fa ba katolola matamo e ntse e le ka lenaneo la Ipelegeng.
Mme Moatshing o supile fa Ipelegeng e le yone e go itshetswang ka yone kwa Metsibotlhoko ka e le motsana o o senang ditiro tse dintsi.
A re komiti ya bone e tsenya madi ka go hirisa matlo a a lesome a ba nang le one.
O tlhalositse fa a itumeletse tshwetso ya khansele ya gore beng gae ba fiwe ditiro di akaretsa go apeela bana ba sekole borotho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2014