Tirelo Setshaba e supa bopelotlhomogi
14 Sep 2014
Banana ba Palapye ba ba dirang mo lenaneong la Tirelo Setshaba ka fa tlase ga lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela banana bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong dimpho di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang gammogo le tse ditlolo.
Fa a bua mo boemong jwa badiri ka ene, Mme Kefilwe Kgatiso o boletse fa ba lemogile gore batho ga ba kgone go amogela bonyenyane jo ba nang le jone le go ithuta go tshela ka jone.
O tlhalositse fa ba ikemiseditse go ruta batho gore ga se gore motho o tlhokana le madi a mantsi gore a tshele sentle, a a fa sekai ka bone gore puso e ba atswa ka makgolo a matlhano a dipula fela, mme ba a a lebogela ka ba kgona go itshetsa ka one.
O kopile banana ba Botswana go emisa mokgwa wa go nna ba ngongoregetse ruri, a supa fa ba le lesego thata ka ba na le puso e e nang le mananeo a a kgathalang ka matshelo a bone.
Mme Kgatiso a re ba na le maikaelelo a go kwadisa mokgatlho o ka one ba itlamang go kgothatsa banana ba bangwe, go ba fa dikgakololo, go ba ruta lefoko la Modimo, go ba ruta ka botlhokwa jwa mananeo a puso le go ba thusa ka ditsela tse di tlaa dirang gore ba ikemele ka nosi. O boletse fa go itshwarelela ka Modimo e le yone tsela e e ka faphang banana mo ditseleng tse di sa siamang.
A re ga go a tshwanela gore e re fa motho a le mo dipharagobeng a bo a tsaya gore Modimo ga o mmone.
Mme Alyson Chun go tswa mo lekalaneng la bopelotlhomogi la Peace Corp o akgotse banana ba, a tlhalosa fa ba dirile tiro e ntle fela thata. O tlhalositse fa go ikemela ka nosi e le selo se se thata se se batlang motho a bereka ka thata, e bile go tlhokana le gore go tswe mo pelong ya motho.
A re mme se, ga se reye gore motho a ikaege ka batho ba bangwe ka gore o tshwanetse go ithusa gore le wena o thusiwe.
Mme Chun a re o itumelela gore mo Botswana go a kgonagala gore batho ba ikemele ka nosi ka go na le makalana, mekgatlho le mananeo a mantsi a puso a a ka thusang batho go dira jalo.
O tsweletse a tlhalosa gore se se dirilweng ke banana ba, se ya go fetola matshelo a batho ba ba abetsweng dimpho.
Kabo dimpho e, e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Go fetola botshelo jwa batho go ka ikemela ka nosi”. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : PALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 14 Sep 2014