Breaking News

Ba Kalakamati ba kopiwa go tsaya mananeo ka tlhoafalo

14 Sep 2014

Le fa ntswa banana ka bontsi ba kgalelwa go tlhoka go tsaya mananeo a ba a diretsweng ke puso ka tlhoafalo, ba motse wa Kalakamati bone ba a tsholeleditse kwa godimo  go intsha mo lehumeng segolo jang ka bontsi jwa bone ba sa bereke mme ba tshela ka go tshwara tshwara mo Ipelegeng

Fa a buisana le lekalana la BOPA bosheng, kgosi Jenamiso Tshupoeng wa motse oo, o boletse fa mananeo ao a sa namole banana mo lehumeng fela mme gape a thusa go ba ntsha mo mebileng, mo borukutlhing gammogo le mo tirisong ya dinotagi.

Kgosi Tshupoeng o tlhalositse fa banana ba motse o, ba tsweletse ka go tshologela kwa ofising ya gagwe go supa ka fa ba dirisang mananeo ka teng. 

A re mo go botlhe ba ba setseng ba bone dithuso, bontsi bo supile thata fa ba na le lorato mo thuong ya dihutshane.

A re o solofetse gore banana botlhe ba ba saletseng kwa morago go dirisa mananeo ao mme e bile go sena tsela epe e ba itshedisang ka yone, ba bofe ditlhako nako e sa le teng go ikgolaganya le ba ofisi ya banana go ipetlela isago. 

O tlhalositse fa a leboga puso go bo e tsile ka mananeo a a thusang go lwantsha lehuma mo bananeng segolo jang ba ba sa itewang seatla ka gonne letlhoko la ditiro  le ile magoletsa e bile le beile banana ka bontsi ka fa mosing.

O tsweletse ka gore, le ntswa banana bangwe ba santse ba diilwe ke go batla dihutshane go simolola go diragatsa ditoro tsa bone, tsholofelo ke gore mo bogautshwaneng le bone ba bo ba simolola go ja ba namile.

Kgosi Tshupoeng o supile fa bontsi jwa metse e e mo kgaolong ya Bokone Botlhaba e le mennye mme e bile bontsi jwa ditiro tse di bonwang mo go yone e le tsa nakwana tsa Ipelegeng, tsa ba matlhoko a leruo ga mmogo le tsa ba ditsela mme a supa fa mananeo a tshwana le a banana a tlaa thusa go ba ogola mo isong ka bontsi. 

A re o solofetse gore banana ba tlaa tlhokomela dithuso tsotlhe tse ba di filweng gore ba kgone go itshedisa ka lobaka.

E ntse e le mo motseng o, Kgosi Tshupoeng a re o tshwenngwa ke borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa gagwe. 

O nankotse gareng ga tse dingwe go thujwa ga matlo le mabenkele, mo a reng bontsi jwa nako bo dirwa ke batho ba lefatshe lengwe le re bapileng nalo.

A re dilalome tseo di tsena mo malwapeng fa go ilwe meberekong mme ba apeye dijo e re morago ba tseye dilwana tsa ntlo, fa  mo mabenkeleng  gone go thujwa makuku.

O tlhalositse fa seo se ba tshedisetsa mo letshogong ka bontsi jwa dilalome di dirisa dilo tse di borai tse di ka gapang matshelo a batho jaaka dithipa le ditlhobolo. Kgosi a re ba lebanwe ke kgwetlho ya go thubediwa ga bana ba sekole se segolwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Puisano

Date : 14 Sep 2014