Thuto boswa jo bo sa sekweng
14 Sep 2014
Go bolelwa fa go bala le go kwala go tshwanetse ga tsewa ka tlhoafalo gore baithuti ba tle ba kgone go dira sentle mo dithutong tsa bone.
E rile a amogela baeng kwa letsatsing la go ipelela go bala le go kwala bosheng, mothusa kgosi ya Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi a tlhalosa fa ba lephata la thuto ba tlhabolola ditalente tse baithuti ba nang le tsone ka jalo go le botlhokwa go le aramela le sa ba tlhabetse.
Kgosi Mokgosi a re mo malatsing ano go dirisiwa maranyane thata gongwe le gongwe mme go nna motlhofo go a tshwara fa motho a na le lesedi la thuto.
O tlhalositse fa mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go ithuta, a bo a leboga bana ba ba sa kgonang go ya sekoleng go bo ba inaakantse le thuto ga e golelwe, ka e sa ba kgoreletse go ithuta tiro ya diatla.
Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Borwa Botlhaba, Rre Odirile Motlhale, o tlhalositse fa thuto ya motho e bonwa ka ditiro e seng ditlankana.
O boletse fa lekgotla la United Nations le supa fa palo ya batho ba ba itseng go bala le go kwala mo lefatsheng leno e le 85 per cent, fa lefatshe la Aferika Borwa lone le le kwa pele ka 92 per cent.
Rre Motlhale o boletse fa thuto e tshwanetse go thusa motho go itlhabolola, go mo tsenyetsa madi, go mo kgontsha go ipuelela a sa tshabe sepe gammogo le go tlhaloganya dilo botoka.
O boletse fa ngogola baithuti ba le masome a mabedi le bobedi ba pasitse lekwalo la bosupa mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, mme ba robabongwe ba tsweledisitse dithuto le lephata la BOCODOL.
A re monongwaga baithuti ba le masome a mararo le boraro ba tlaa bo ba kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Rre Benson Rauwe o tlhalositse fa Ga-e-Golelwe e e fa dikitso ka jaana le fa go tlhagogile malwetse baithuti ba kgona go tlhaloganya fa go buiwa ka one.
Le fa go ntse jalo, a re ba ketefalelwa ke tiro ka baruta-bagolo ba tsena ba tswa, jalo o bona go le botoka gore ba ka thapiwa ka konteraka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la go ipelela go bala le go kwala
Date : 14 Sep 2014