Kereke ya Galalea e abela batlhoki
14 Sep 2014
E ne ya re bosheng maloko a kereke ya Galalea go tswa mo mafelong a a farologaneng a lefatshe leno ba bo ba kgobakanetse kwa Tshidilamolomo go abela bana ba le lesome le boferabobedi ba masiela le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong jaaka ba ba tshelang ka bogole gammogo le bagodi dikobo, melora le dijo.
Fa a buisa baphuthegi bao, tona wa tsa meepo, kgotetso le metsi Rre Kitso Mokaila, o tlhalositse fa go aba e le selo se se botlhokwa se se ka tlisang pharologanyo mo botshelong jwa motho yo mongwe.
Rre Mokaila o akgotse boeteledipele jwa kereke ya Galalea le maloko a yone, gore ba diragatsa lengwe la matshego a Tebelelo pele ya 2016, ya setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se kgathala ka matshelo a ba bangwe.
Fa a akgela mo tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo, o tlhalositse fa thapelo e le yone seikokotlelo sa botshelo, a tlatsa ka gore fa go senang thapelo e e lolameng teng, ga go na sepe se se ka robalelwang ke ditlhokwa.
Rre Mokaila o kopile phuthego go tsaya boikarabelo mo go tsotlhe tse ba di dirang ka go ineela mo Modimong, ka jaana maikaelelo a go emisa kanamo ya malwetse jaaka HIV/AIDS le Ebola le dihawa tse dingwe e ka atlega, mme lefatshe le tlaa robalelwa ke ditlhokwa.
O tladitse dimpho tseo ka dikobo di le masome a mabedi le mephuthelwana ya dijo.
Fa a tswa la gagwe, raboipelego wa Barolong Farms, Rre Kgakgamatso Ditshego o tlhalositse fa kgaolo eo e na le batlhoki ba le mmalwa jalo a lebogela seabe se kereke e se ntshitseng.
O ba kgothaditse go tswelela ka mowa oo wa go aba mo lefatsheng leno ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : GOOD HOPE
Event : Phuthego ya kereke
Date : 14 Sep 2014