Breaking News

Lenaneo la ISPAAD le gatetse pele

11 Sep 2014

Kgosi ya Metsibotlhoko, Rre Bafentse Moatshing o galaleditse lenaneo la temo la ISPAAD fela thata.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi o  supile fa banni ba motse oo ba tsere lenaneo leo ka tlhwaafalo mme a ba akgolela tirisano mmogo le boraditerekere  ka a bolela fa go sena dikgang tse a di begetsweng tsa tlhoka kutlwisisano.

O supile fa banni ba motse wa gagwe ba tsaya mananeo a a akaretsang la nyeletso lehuma tsia. Kgosi Moatshing a re ba filwe matlo a mararo a batlhoki a a tlaa agiwang mo nakong e e sa fediseng pelo.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana ba motse wa Metsibotlhoko ka a amogela dikgang tsa dikiteo le tse dingwe tsa botlhoka tsebe.

O tsweletse ka go supa fa mathata a borukutlhi mo motseng wa gagwe a tlhokana le gore ba bo ba na le mapodise.

Kgosi Moatshing a re go tlhokana le gore kgotla ya Metsibotlhoko e tsholediwe go nna le mapodise le mothusa kgosi gammogo le mokwaledi wa kgotla gore batho ba tseye ditlamelo  di tshwana le go rurifatsa meriti ya ditlankana gautshwane gammogo le tse dingwe tse di sa dirweng mo Metsibotlhoko.

O tsweletse a supa gape gore ba na le kgwetlho ya metsi fa e sale go gokelwa dipompo tsa dikarata. O tlhalositse fa ba na le mathata a metsi fa ba aga dikago dingwe tsa puso ka go tlhokega gore go bo go na le pompo e ba senang le yone mo kgotleng.

Fa a latlhela la gagwe, kgosana ya Goo Molehele Rre Basenyegi Toteng o supile fa go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng se se botlana sa motse oo.

O kaile fa go sena tshireletsego mo motseng wa bone ka go sena mapodise. Rre Toteng a re melato ya borukhutlhi e e akaretsang dikiteo le go rekisa majalwa a Setswana e se ka fa molaong e fokotsegile ka thuso ya ba twantsho borukutlhi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 11 Sep 2014