Breaking News

Bana ba sekole ba abela masiela

11 Sep 2014

E rile bosheng bana ba sekole se segolwane sa Lerala ba abela sekole se se tlhokomelang bana ba masiela sa Mmabana Trust morogo.

Mongwe wa baithuti ba sekole seo, Kutlo Disang, a re ba tshwaragane le sekole sa Maralal sa lefatshe la Kenya ka thulaganyo ya ‘Feed another child’.

A re ba lemile morogo ka maikaelelo a go tsweledisa thulaganyo eo mme ba ikaelela go abela bana ba ba tlhokileng lesego. Moithuti yoo a re ba tlaa tswelela ba thusa sekole seo go fitlhelela morogo o ba o lemileng o fela ka ba lemogile fa se na le letlhoko le lentsi e bile se na le seabe se setona mo matshelong a banni ka kakaretso.

Mogokaganyi wa lenaneo la ‘Feed another child’ kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, Mme Gaafele Kedidimetse o boletse fa sekole sa Mmabana Trust se dira tiro e e molemo mme e bile badiri botlhe ba ithaopile.

A re sekole sa gagwe se ne sa lomagana le sa Maralal e le thulaganyo e e itebagantseng le go gokaganya dikole e e saleng e simolotse kwa mafatsheng ka bontsi.

Mme Kedidimetse yo e leng morutabana wa sekgowa kwa sekoleng sa Lerala a re thulaganyo e e botlhokwa ka e tlaa ruta bana ba sekole sa gagwe go itirela le go thusa ba ba tlhokileng lesego.

O boletse fa go tsena mo seemong sa go aba morogo o ba o abileng, go ne go se motlhofo ka baithuti ba simolotse ka go batla lefelo  le ba ka jwalang  mo go lone ba bo ba le phepafatsa go fitlhelela ba kgona  go lema.

A re ba tsweletse ba tlhokomela dijwalo tsa bone ntleng le go salwa morago go fitlhelela di nna mo seemong sa go jewa mme ba tlhopha sekole sa Mmabana Trust.

Fa a amogela dimpho tseo, modulasetilo wa komiti e e eteletseng sekole sa Mmabana Trust, Rre Boetelo Malope o boletse fa ba ithaopetse bana ba Lerala ntleng le dituelo dipe ka jalo ba tlhokana le thotloetso mo banning ba motse oo.

A re go a bonala gore se ba se dirang e le banni ba Lerala se a bonala ka sekole se segolwane sa Lerala se tsibogetse ikuelo ya bone ya gore ba rotloediwe.

O lebogetse dimpho tseo a bolela fa di tla a ba fitlhisa golo gongwe fela thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Kabo-dimpho

Date : 11 Sep 2014