Breaking News

Komiti ya Changate e itumelela dipalamo tsa setshaba

11 Sep 2014

Komiti ya ditlhabololo tsa Changate mo kgaolong potlana ya Tutume e lebogela dipalamo tsa setshaba tse di tsamaelang kwa motseng oo.

Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo Rre Deblues Mokhakhisi a re le ntswa tsela e e kopanyang Changate le metse e e mabapi e le mo seemong se se sa kgatlhiseng, se se itumedisang ke go bona go na le dikoloi tsa setshaba tse di tsamaelanang kwa motseng oo.

Rre Mokhakhisi a re dipalamo tse di tharo ka palo mme di tswa mo Changate di fete ka Tutume go ya Francistown. O boletse fa dipalamo tse di ba tlhofofaletsa mosepele ka gore fa motho a tshwere dinako  tse di emelelang ka tsone go motlhofo go ya go kopa ditirelo kwa Tutume kgotsa Francistown.

Rre Mokhakhisi o akgoletse bakgweetsi ba dipalamo tse tirisano mmogo le setshaba gammogo le bopelotelele jwa bone. A re le fa motshegare ba a tle ba tlhoke dipalamo ka jaana di a bo di setse di emeletse tsotlhe, gone ga go tshwane le fa di seo gotlhelele

Go sale foo, Rre Mokhakhisi o supile fa ditlhabololo di tsweletse ka go goroga mo motseng wa bone le fa ntswa di tla ka bonya. A re sengwe se banni ba se itumelelang ke kgokelo ya motlakase mo motseng gammogo le kokelwana ya bone e jaanong e setseng e aba diritibatsi.

A re le fa nako tse dingwe melemo e tlhaela, ga go tshwane le mo nakong e e fetileng fa balwetsi ba ne ba tsamaya sekgala go bona kalafi.Mo go tse dingwe, Rre Mokhakhisi o supile fa ba sa itumedisiwe ke sekgala sa dikhilomithara tse di masome se baithuti ba sekole se se golwane ba se tsamayang go ya kwa motseng wa Nkange.  

A re se se pateletsa baithuti go emelela mo mosong ka nako ya botlhano, seemo se  a reng se ba baya ka fa mosing ka ba goroga kwa sekoleng ba lapile mme ba nne le bothata jwa go amogela dithuto sentle.

O tlhalositse fa seemo se, se na le seabe mo kwelo tlaseng ya maduo a bana ba e bile gape se baya matshelo a bone mo diphatseng ka jaana ba kgona go kopana le dilalome fa ba ya kgotsa ba boa kwa sekoleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 11 Sep 2014