Motlhoka pono o akola lenaneo
11 Sep 2014
Batswana ka bontsi ba amogetse lenaneo la nyeletso lehuma ka matsogo oo mabedi ka maikaelelo a go inamola mo lehumeng le ba tshelelang mo go lone.
Rre Setler Panase wa Omaweneno kwa kgaolong ya Kgalagadi, motlhoka pono yo o thusitsweng ke ba nyeletso lehuma gore a kgone go fetola seemo se a neng a tshelela mo go sone, o supile fa a ne a ikuela kwa go ba boipelego gore ba mo thuse.
A re ba ne ba mo tlhalosetsa ka lenaneo la nyeletso lehuma, le ka fa le ka mo thusang ka teng. O ne a iteka lesego mo lenaneong le mme kopo ya gagwe ya atlega. O thusitswe ngogola ka go fiwa dinku di le lesome, tse di borobabongwe e le tse di namagadi le e tonanyana e le nngwe fela.
Mo puisanong , Rre Panase o tlhalositse fa e le motlhoka pono e bile ka nako e yotlhe e, a ne a engwe nokeng ke setlogolo sa gagwe ebong Mme Dorris Babeile, yo a nnileng le seabe se sentsi mo katlegong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa a tle a thuse mme fa a sa tsoga sentle ka e le molwetsi a tlogele setlogolo sa gagwe go tsweledisa tiro ya go disa.
Mme Babeile, eleng setlogolo sag a Rre Panase, o boletse fa a na le bokgoni jo bontsi fela thata mo go tlhokomeleng leruo ka a sale a simolotse go disa go tswa bonyenyaneng.
O supile fa gompieno ba sa ikaega fela ka ba nyeletso lehuma gore e ba thuse mo tlhokomelong ya leruo le, ka go le rekela dijo le melemo.
A re o bereka mo Ipelegeng gore a tle a kgone go rekela dinku tsa ga malomaagwe dijo le melemo ka a itse gore mo nakong e e tlang, leruo le le tla kgona go ba thusa gore ba tshele botshelo jo bo botoka.
Mathata a ba kopanang le one ba tlhalositse ele sekgala sa kwa morakeng wa bone wa dinku le kwa ba nnang teng, ba supa fa le kwa ba kopileng metsi teng go nosa leruo le gone fela jalo go le kgakala.
A re ba leka ka bojotlhe gore dinku tse, di seka tsa ba ketefalela. Ba supile fa nako e nngwe ba kgona go kopa ba ba nang le dipalamo go ba thusa ka go ba tseela metsi go tswa kwa sedibeng go a isa gaufi le kwa morakeng.
Mme Babeile a re ga ba ise ba kopane le dikgwetlho tse dintsi ka ke gone ba simololang thuo ya bone.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa leruo la bone le dira sentle fela thata ka e bile le setse le oketsegile.
Ba re ba solofetse go le gontsi fela thata mo leruong le la bone e bile ba tla tswelela ba le tlhokomela gore le seka la nyelela kana la swa le bolawa ke tlala le go tlhoka metsi.
Rre Panase a re o rotloetsa Batswana go dirisa mananeo a puso a ba a tlhametsweng gore ba tle ba kgone go nyeletsa lehuma le ba tshelelang mo go lone.
O ne a tswelela ka gore ba seka ba ipona tsapa go kopa dithuso ka di diretswe mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : TSABONG
Event : Puisano
Date : 11 Sep 2014