Breaking News

BALA e lekola Gumare

11 Sep 2014

Mogolwane wa lekgotla la Botswana Association of Local Authority, BALA  a re  makhanselara ke baemedi ba setshaba mme e bile ba tshwanetse go isa ditlhabololo kwa bathong.

Fa a bua mo loetong la lekgotla go lekola banni ba Gumare ka ditlamelo tse ba di bonang mo khanseleng ya koo, Rre Moemedi Tsimanyane o tlhalositse gore khansele ke lekgotla la puso le le emetseng go bona gore setshaba se akola ditlhabololo mme se ka di akola fela fa makhanselara ba se lekola gangwe le gape go utlwa maikutlo a bone.

 A re ka Botswana e le leloko la United Nations  le tlamiwa ke  dintlha tse lekgotla leo le di ipeetseng  di akaretsa gore e re ka ngwaga wa 2015 mafatshe a bo a tokafaditse matshelo a batho ka go nyeletsa tlala, botlhoki le khumanego gammogo le  go bona gore dithuto tse di kwa tlase di akolwa ke botlhe.

O tsweletse a re se sengwe gape ke gore go nne le tekatekano ya bong, le phokotsego ya dintsho tsa masea a a belegwang gammogo le tsa bomme ntateng ya pelegi.

E rile banni ba akgela, ba ntsha matshwenyego a bone ka ditirelo tse di farologaneng di akaretsa mosuke wa sepatela gammogo le go tlhoka melemo teng, go ema mo meleng e meleele ba emetse dithuso kwa sepateleng, go tlhoka go rekisa leruo ka ntlha ya bolwetsi jwa tlhako le molomo mo go dirileng gore leruo la bone le ntsifala thata gammogo le go rutwa ka mananeo a nyeletso lehuma gareng ga tse dingwe

Rre Mosobotwane Tuelo ene a re o ngongoregela dituelo tse di kwa godimo tsa metsi le gore ba lephata la metsi ga ba ba thuse fa ba isa dingongora tsa bone kwa go bone. 

O boletse gore makhanselara ga a ke a tsenelela diphuthego tsa motse.

E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Moitshepi Molwelwa a tlhalosa fa lekgotla la  BALA le itebagantse le tsamaiso le diphetogo tsa dikhansele, ditiro tsa makhanselara le ditirelo tse ba tshwanetseng go di isa kwa bathong gammogo le boitshwaro jwa makhanselara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Floridah Batshabeng

Location : GUMARE

Event : Leeto la BALA

Date : 11 Sep 2014