Breaking News

Mokhanselara Matseke o tlhokafetse

11 Sep 2014

Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone mokhanselara wa phathi ya Domkrag wa kgaolwaneng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye, Rre Gotlaaya Matseke a tlhokafetseng  fa koloi e a neng a tsamaya ka yone e sena go pitikologa mo tseleng ya A1 ka Labobedi.

Mogolwane wa mapodisi a pharakano, Assistant Superintendent Selogilwe Sefawe, o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo, e diragetse ka nako ya bosupa mo maitseboeng kwa merakeng ya Lose fa Rre Matseke a ne a tswa phuthegong ya khansele kwa Serowe.

A re le fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, mapodisi a belaela fa kotsi eo e katswa e bakilwe ke go latlhegelwa ke taolo ga mokgweetsi ka jaana koloi eo e pitikologile makgetho a le mararo ntswa e sa thula sepe.

Rre Matseke, yo o latlhegetsweng ke ditlhopho tsa peo letlhokwa ngogola, o tlogela mosadi le bana ba basimane ba le bane.

Ka nako ya kgang e e kwalwa, serepa se ne se santse sele kwa kokelong ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa tsa phitlho di ise di rulaganngwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Kotsi ya koloi

Date : 11 Sep 2014