Batswana ba rotloediwa go ikanya Modimo
11 Sep 2014
Batswana ba kgothaditswe go ikanya Modimo ka ele ene a ka kgonang mathata otlhe a batho ba tsayang gore ga a kake a fenngwa go akarediwa le malwetse tota.
Mo pulo semmusong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS kwa mDitshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, moruti wa Independent Assemblies of Botswana, Rre Alec Motlotlegi o boletse gore motho wa nama le madi o lekile bojotlhe go ka senka molemo o o ka alafang bolwetse jwa AIDS mme go padile, ka jalo ke gore go lejwe kwa Modimong ka ke ene fela a le nosi yo a tshotseng tharabololo ya sennela ruri.
Moruti Motlotlegi yo gape e leng mooki kwa kokelwaneng ya Ditshegwane, a re go supa sentle fa Modimo a tshotse pholo ya bolwetse jwa HIV/AIDS ka jaana mo nakong eno bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba kgona go ima ba bo ba tshola masea a a itekanetseng a sena mogare oo le gone gore ba kgona le go amusa ka lebele mme ba feletse ba sa fetisetse mogare kwa maseeng a bone.
O tsweletse a re tse tsotlhe ke ditiro tsa Modimo, mme e bile go supa fela sentle gore pholo e teng.
A re fa a ka ikokobeletswa, mongwe le mongwe a tlogelwa ditsela tse di maswe, Modimo o ka tsisa mowa wa kutlwelo botlhoko mme a fodisa lefatshe leno.
E ne e rile a ntsha maikaelelo a letsatsi, modiri go tswa kwa ofising ya molomaganyi wa mananeo a bolwetse jwa HIV/ AIDS mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe, a bolela fa se e le go tla go itshekatsheka go bona gore a go nale kgatelopele mo go fokotseng kanamo ya mogare gammogo le gone go tla go rebola go tshwarwa ga merapelo mo mafelong ka go farologana.
A re mo merapelong e, mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le seabe go kopa Modimo go fodisa bolwetse jo.
O boletse fa dipatlisiso di supile fa kanamo ya mogare wa HIV e santse e itshupa e gola mo lefatsheng leno ka bophara go akarediwa le yone kgaolo e ya Letlhakeng e ka tlwaelo e nang le dipalo tse di kwa tlase tsa go anama ga mogare.
Rre Ntswetswe a re ke sone se go kopiwang dikerekeng ka go farologana go simolodisa merapelo mme go solofetswe gore e tswelele go fitlha malatsi a le masome mabedi le bongwe.
Fa a ntsha malebo, mokhanselara wa kgaolo, Rre Tsabahule Kgothang o kopile setshaba go ema ka dinao go thusa mo ntweng e, a bolela fa puso e le nosi e ka se kgone go tlhabantsha le go fenya bolwetse jo.
Mokhanselara Kgothang a re ka tsone dikereke, mapolotiki, makgotla a a ikemetseng, puso le setshaba ka kakaretso, ntwa e ka fenngwa ga bo ga lebalwa, sengwe le sengwe sa boela mannong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : LETLHAKENG
Event : Merapelo
Date : 11 Sep 2014