Sekolo sa Gumare se akgola baithuti
11 Sep 2014
Sekole se se botlana sa Gumare se satswa go tshegetsa moletlo wa kabo dietsele o ka one ba neng ba etleetsa bana ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone.
Fa a ba ema ka lefoko, mogokgo Mme Keswelang Letswee o lebogetse batsadi go bo ba tsile ka dipalo tse di bonalang a tlhalosa fa a itumelela maduo a sekole sa gagwe le fa ba sa kgona go fitlhelela seelo se ba se ipeetseng sa masome a ferabobedi mo lekgolong sa kgaolo ya Okavango.
Sekole sa Gumare se dirile sentle fela thata mo dithutong ka go farologana.
Bana ba lekwalo la bosupa ba tsere maemo a boraro mo dikoleng di le lesome le botlhano mo setlheng sa bobedi sa ngwaga fa ba lekwalo la bone ba bone a bobedi.
Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Oaitse Basha le ene o lebogile batsadi go bo ba tsile ka makatlanamane go gaisa nako tsotlhe fa ba biletswa diphuthego.
A re e le ba lekgotla la batsadi le barutabana ba dirile ditshekatsheko go tla ka methale ya go rotloetsa bana mme ba bona go le botlhokwa go fa bana dimpho di akaretsa melora go rotloetsa bophepa.
O kopile batsadi gore ba seka ba tsisa dingongorego mo bokopanong bo tshwana le joo, mme a ba kgothatsa go etela sekole go tlhola ka fa bana ba bone ba dirang ka teng gammogo le go itse barutabana ba bana ba bone.
Bana ba ba gaisitseng ba bangwe mo mophatong mongwe le mongwe ba ne ba fiwa ditlankana.
Ngwana mongwe le mongwe yo o ba gaisitseng botlhe mo lekwalong lengwe le lengwe o ne a fiwa sekopelo se a tshwanetseng go se kopela nako tsotlhe fa a tla sekoleng go fitlhelela ngwaga o o tlang mo moletlong o mongwe, ka a tla a bo a se rolela yo mongwe yo o dirileng ka bokgabane.
Barutabana ba ba gaisitseng ba bangwe le bone ba abetswe ditlankana.
Mo maitekong a go ba kgothatsa go tswelela ba dira sentle, Mme Rebecca Katjimune o tlamile go abela morutabana wa lekwalo la bosupa yo o gaisitseng gammogo le bana ba babedi ba ba gaisitseng ba lekwalo la bosupa dimpho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Floridah Batshabeng
Location : GUMARE
Event : Moletlo wa kabo dietsele
Date : 11 Sep 2014