Takatokwane o tsosolosa serodumo sa boipuso
11 Sep 2014
Banni ba Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba ikaeletse go keteka boipuso jo bo pharologanyo le jwa dingwaga tse dingwe monongwaga ka ba batla go busetsa serodumo sa boipuso le ngwao e go lebegang e nyelela.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e itebagantseng le go rolela morafe ka fa dipaakanyetso di tsweletseng ka teng, Rre Kgaogano Pagiwa a re ba bereka bosigo le motshegare go rulaganyetsa moletlo wa maemo a ntlha o o tla natefisiwang ka metshameko ya ngwao e akaretsa morabaraba, diketo, dikhwaere, maboko gammogo le kapei ya dijo tsa Setswana, e le tsela nngwe ya go le busetsa seriti se se le tshwanetseng.
Rre Pagiwa o tsweletse a re gore maikaelelo a bone a atlege banni ba tshwanetse go ba ema nokeng, jalo a ba kgothatsa go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo mo go baakanyetseng boipuso ka jaana bo ama Motswana mongwe le mongwe go akarediwa banana le bagodi ba ba diretseng lefatshe leno ka bokgabane gore le nne se le leng sone mo nakong eno.
O tlhalositse gore banni ba Takatokwane ba ka kgona go gatela pele fa go na le tshwaragano fagare ga badirelapuso, dikomiti tse di mo motseng ka go farologana, dikereke gammogo le setshaba ka kakaretso.
Rre Pagiwa o tsweletse a re letsatsi la boipuso le faphegile ka jaana lefatshe le a bo le gakologelwa le go ipelela tse le di kgonneng morago ga go ipusa ka 1966.
A re go botlhokwa gore banni ba motse oo ba itshekatsheke go bona kwa ba tswang teng le gore ba diretse lefatshe leno eng jalo go tlhokana le gore ba nne mmogo mo letsatsing leo go tsaya molaetsa le go gakololana gore ba ka tswelela pele jang go direla lefatshe leno.
E rile ba akgela, banni ba supa fa serudumo sa boipuso se nyelela mme maikaelelo a bone ele go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go se busetsa ka go tshologela mokete oo ka mmetela le gone go tsosolosa ngwao ka go supa mmino le metshameko ya maloba.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Motsiele Tsiane o rotloeditse morafe wa gagwe go itirela dijo le gone go tsosolosa moletlo wa go ipelela thobo gonne go dira jalo go tlisa mowa wa tirisano mmogo, tshwaragano le tswelelopele ya motse.
Kgosi Tsiane a re go botlhokwa go tshegetsa ngwao ya dikgafela ka ele mokete o o segofaditsweng e bile gape ele tsamaiso ya ngwao ya Setswana.
A re go lebega ngwao e gomagomediwa ke go nyelela jalo a lemotsha morafe fa go le mo maruding a one go ikitse le gone go ipela ka se ba leng sone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Paakanyetso tsa boipuso
Date : 11 Sep 2014