Breaking News

BMC e reka dikgomo kwa Gumare

11 Sep 2014

Banni ba Gumare le mafelo a a mabapi ba boleletswe fa  BMC e simolotse go reka dikgomo gape kwa Gumare le meraka e e mabapi morago ga gore barui bangwe ba seka ba kgona go rekisa ka ba matlhabelo ao ba ne ba itlamile go reka palo e e felelang mo seatleng fela.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho wa balemi barui ba kgaolo ya Okavango, Rre Onneile Tsele o tlhalositse fa theko e e simolotse ka Mosupulogo mme go tla a rekiwa mo merakeng e e neng e saletse kwa morago mo thekisong e e fetileng e akaretsa ya Tlhale, Xhekedau, Nxabexa, Xhara le Samotshoka.

Rre Tsele o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o kopile BMC go oketsa palo ya dikgomo ka barui ba sa kgotsofalela palo e ba matlhabelo e e rekileng mme kopo ya bone e amogetswe e bile ba tla a simolola go reka dikgomo mo baruing fa ba sena go reka mo merakeng e e neng e saletse kwa morago.

A re fa ba sena go reka mo merakeng eo, BMC e tla a reka dikgomo di le dikete tse tlhano mo baruing ba  Gumare go ya go felela kwa Tsau. 

Rre Tsele o boletse fa a solofela fa palo e motho a  letlelelwang go e rekisa e tla a tsholetsega go tswa mo bobeding go ya magareng ga borataro le lesome. 

O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o ikaelela go bitsa phuthego gore ba tle ba leboge morafe wa Gumare ka tirisano mmogo e ba e supileng jaaka ba ne ba ikagela masaka a megotlha ka boithaopo.

O tsweletse ka go akgola barui ba Shakawe jaaka ba tshwere ka thata go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tshwerweng mo dikgweding tse di fetileng.

O boletse fa seemo sa bolwetse jo se ritibala e bile go setse go kentilwe 95%  wa dikgomo mo kgaolong eo jalo a  kgothatsa barui go tlhokomela leruo la bone ka go le tlhatlhela le go le kentela malwetsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 11 Sep 2014