Breaking News

Badiri ba OCAAT ba abela motlhoki

10 Sep 2014

Badiri ba sekole sa Oodi College of Applied Arts and Technology ba abetse Rre Morekisi Setsoma wa Mokatse, yo eleng mogodi e bile gape e le motlhoka pono dimpho.

E rile badiri ba sekole seo ba aba dimpho tseo tsa diaparo le melora ka Labobedi, ba tlhalosa fa tiro eo e simolotse ngwaga o o fetileng ka go abela mongwe wa motse wa Oodi.

E rile modulasetilo wa tsa botsogo (wellness) a bua kwa kabong dimpho eo, a supa fa ba ne ba simolola ka go kokoanya diaparo tse badiri ba sa tlholeng ba di dirisa mme ba kgona go dira jalo ka ba na le mowa wa bopelotlhomogi.

Mme Lydia Timuno a re ba ne ba ikgolaganya le ba lephata la boipelego go ba thusa go bona yo ba ka mo segofatsang ka diaparo tseo.
A re ga ba aka ba felela fela foo ka ba ne ba tshwanelwa ke go kopa badiri gape gore ba ntshe madi a ka one ba tlaa thusang rre yoo ka one.

Mme Timuno o ne a tlatsa ka gore go ne go tlaa nna thona gore ba abe diaparo tse di kalo mme go sena molora, a tlhalosa fa diaparo di tshwanetse tsa tlhatswiwa. E rile a amogela dimpho tseo, Rre Morekisi Setsoma a mo felela a le tlhaeng.

A re o leboga badiri ba sekole seo ka ba mo gopotse mo dikgwetlhong tse a kopanang le tsone e bile bogolo jang ka a setse a tsofetse.Rre Setsoma o ne a galaletsa badiri bao mme a supa fa Botswana a le se a leng sone ka lebaka la barutabana.

O ne a tlatsa ka gore lesedi la thuto ke lone le kaelang setshaba mme a opela barutabana legofi go mo direla tiro e ntle eo ka bonokopila le botswerere.
Kgosi wa motse oo Rre Molatlhegi Mmileng a re badiri ba sekole seo ba setse letshego la go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se kgathala ka ba bangwe.

E rile a a fa malebo ka tiro eo a adima mafoko go tswa mo dikwalong tse di boitshepo a a reng “go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang”.
Kgosi Mmileng a re ba segofaditswe ka go dira tiro e ntle eo mme a rapela Modimo gore a ba thuse mo ditirong tsotlhe tsa bone le go atlega mo matshelong a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Kabo-dimpho

Date : 10 Sep 2014