Breaking News

Kgalagadi Borwa o ipaakanyetsa boipuso

10 Sep 2014

Mothusa molaodi mo kgaolong ya Kgalagdi Borwa Mme Peggy Kutlase o gwetlhile banni ba kgaolo eo, mo metseng e e farologanyeng, go ema ka dinao le ba-na-le seabe botlhe ka go dira ka natla, tshwaragano, tirisanommogo le therisano mo ipaakanyetsong letsatsi la boipuso la monongwaga ka seo se ka thusa thata mo katlegong ya letsatsi leo.

Fa a bua mo potsolosong le ba lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi, mothusa molaodi o ne a tlhalosa fa ba setse ba simolotse go tlhama dikomiti tse di farologanyeng mo ipaakanyetsong moletlo wa letsatsi la boipuso, a kaya fa gape ba setse ba tshwere bokopano le dikgosi mo metseng e e farologanyeng mo kgaolong eo go simologa kwa motseng wa Kokotsha go fitlha kwa Struizendam.

Mme Kutlase o kaile fa bokopano joo maikaelelo a jone e ne e le go tlhalosetsa merafe ka fa boipuso jwa monongwaga jwa dingwaga tse masome a mane le boferabobedi bo tlaa ketekwang ka teng ka bo tlaa bo bo le pharologanyo le jwa dingwaga tse di fetileng.

A re boipuso jo e tlaa bo e le jo ka jone go tlaa itlhokoletswang jwa dingwaga tse masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa ka kagiso le thokgamo, jo bo tlaa tlang ka ngwaga wa 2016.

O kaile fa botlhe ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 e le bone ba ba tlaa bong ba di goga kwa pele mo ipaakanyetsong ya moletlo wa letsatsi leo. A re mo nakong ya gompieno ba setse ba kwadisitse bommabontle le borabontle ba le masone a mane le bone, ba ba tshotsweng ka nako ya lefatshe le le tsaya boipuso, a tlatsa ka gore dikgaisano tseo di tlaa bo di tshwaretswe kwa Tsabong.

A re mofenyi yo o tlaa tswang ka maemo a ntlha mo dikgaisanong tseo o tlaa atswiwa ka madi a kana ka P5000 fa wa maemo a bobedi a tlaa fiwa P3500, mme wa boraro ene a tlaa atswiwa ka P1500; fa ba bangwe botlhe ba ba tseneletseng dikgaisano tseo ba tlaa tlhatswiwa diatla ka P700.

Mothusa molaodi o kaile fa mengwe ya metshameko e setshaba se tlaa nnang le seabe mo go yone e ekaretsa moopelo wa dikhwaere, mabelo a botlhe ba ba tshotsweng ka 1966, mabelo a ditonki le dipitse, metshameko ya kgwele ya dinao, diketo, morabaraba le e mengwe.

O kaile fa khansele ya Kgalagadi e tlaa ntsha dithuso tsa yone tsa madi fela jaaka gale go thusa mo meletlong ya boipuso, fa puso yone e ntshitse madi a kana ka P150 000 a a tlaa kgaoganngwang kgaolo ya Kgalagadi Borwa le Bokone; a e leng one a tlaa dirisiwang go reka dijo, le go atswa bommabontle, ba mabelo le ba dikgaisano tse dingwe.

Mme Kutlase o ne a supa fa kgwedi eno ya Lwetse e seegetswe kwa thoko go nna ya thapelo ngwaga le ngwaga mo lefatsheng leno. O kaile fa ba lekgotla la baruti ba setse ba ipaakanyeditse go tshwara merapelo kwa kgotleng kgolo e e akaretsang go rapelela boipuso, ditlhopho, mogare wa HIV/AIDS le malwetse a mangwe, kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi.

Mo mafokong a gagwe a bofelo, mothusa molaodi o ne a kopa le go rotloetsa setshaba go ipelela letsatsi leo ka go apara kapari ya Setswana le ya mebala ya Botswana ka letsatsi leo, le gone go phepafatsa metse ya bone ka go sela matlakala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 10 Sep 2014