Banni ba kopiwa go sala tsamaiso morago
10 Sep 2014
Go tlhalosiwa fa banni bangwe ba Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba tsweletse ka go dira maretshwa a go tsietsa ba lekgotla la kabo ditsha.
Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lekgotla la kabo ditsha la Sefhare kwa motseng oo bosheng, mothusa kgosi wa Makwate, Rre Motswaodi Diau a re ke makgetlho a le mantsi ba kopana le dikgang tse o fitlhelang bontsi jwa batho ba ikokeleditse ditsha tsa masimo ntle le go rerisa dikgosi, modisa dithota le ba lekgotla la kabo ditsha.
O boletse gape gore dikgang tse dingwe tse di tshwenyang thata mo motseng wa bone ke tsa go ikgagapelela ditsha tsa boswa.
O tsweletse a re o tshwenngwa gape ke gore morafe ga o dirisane sentle le bone ka bangwe ba kgona go ba tlola ba bo ba ya go kopa thuso kwa ofising ya lekgotla la kabo ditsha, selo se a reng se ba baya ekete ga ba itse tiro ya bone.
E re dikgang di eme jalo, mothusa kgosi o kopile banni go tlhaloganya dipampiri tsa ikopelo pele ba di baya monwana.
A re bangwe ba kgona go felela ba dumalana le mekwalo e ba sa e tlhaloganyeng ka go e baya menwana mme morago ba lemoge fa ba ipaketse mathata kgotsa ba dumalane le selo se ba sa se batleng.
Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Sefhare, Rre Don Wesson o rotloeditse banni go sala tsamaiso ya lekgotla la kabo ditsha morago gammogo le go ikgolaganya le dikgosi le badisa dithota go itsa ketsaetsego.
A re ofisi ya bone e bereka thata le dikgosi le badisa dithota ka jalo go na le kgonagalo ya gore fa motho a ya kwa ofising ya bone a sa feta ka batho bao pele a bo a busediwa kwa go bone.
Rre Wesson o tlhalositse gore ba ba ipayang kgotsa ba ikokeletsa ditsha tse ba di filweng ke lekgotla la kabo ditsha ba tla a di gama ba sa di tlhapela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya morafe le ba kabo ya ditsha
Date : 10 Sep 2014