Breaking News

Mogokgo o kopela baithuti boroko

10 Sep 2014

Mogokgo wa sekole sa Oodi College of Applied Arts and Technology, Mme Mildred Boduwe o kopile banni ba Oodi, Mokatse le Modipane go fa bana ba sekole seo boroko ka jaana go solofetswe dipalo tse dintsi tsa bana ba ba tlang go simolola sekole.

Fa a bua kwa moletlong wa go aba dimpho kwa Mokatse ka Labobedi, Mme Boduwe o boletse fa a kopa batsadi go sekegela bana tsebe fa ba kopa go hirisa matlo a bone gore ba kgone go ithuta ka thelelo.

A re o solofetse gore palo ya bana e ye kwa makgolong a matlhano go tswa mo go lekgolo le masome a supa a bana ba ba ntseng ba tsena mo sekoleng seo fa sekole sone se ka kgona go fa bana ba le makgolo a mabedi le masome a mararo boroko  fela. 

O tsweletse a re seo se raya gore bana bangwe ba ya go tlhoka boroko ka jalo morafe ke one o ka thusang ka go ba fa boroko.

A re go le pele palo ya bana e ne e le kwa tlase mme jaanong seemo se fetogile bogolo jang ka gore univesithi ya maranyane e fudugetse kwa Palapye. 

O kopile morafe go ba tswa thuso ka bana ba tla bo ba tswa mo dintlheng tse di farologaneng tsa lefatshe leno go tla go ithuta mo sekoleng seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Moletlo wa go aba dimpho

Date : 10 Sep 2014