Dihutshane di ba file seriti
10 Sep 2014
Mme Rejoyce Robby wa Zwenshambe ke mongwe wa banana ba ba akotseng lenaneo le le thusang banana ka madi go inamola mo lehumeng.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Robby yo o dingwaga di masome a mabedi le bosupa o boletse fa a filwe P98 300, yo a rekileng dihutshane di le masome a mane, tse ditonanyana di le tharo le tse di namagadi di le masome a mararo le bosupa.
A re mo nakong eno dihutshane tsa gagwe di masome matlhano mme o kaile fa di ka bo di fetile palo eo ka go sule di le lesome le botlhano.
Mme Robby a re pele ga se, botshelo bo ne bo le bokete fela thata ka one a bereka kwa Ipelegeng, mme dikatso di sa lekana go tlamela lelwapa.
O tsweletse a re e rile ngwaga oo fetileng ka Mopitlo a nna mongwe wa ba ba sego go ya go ithutuntsha ka maele a botshelo, morago a ya go dira ka fa tlase ga lenaneo la banana la Tirelo Setshaba kwa lekgotleng la kabo ditsha la Tati.
A re e rile Tlhakole ngwaga ono a fiwa madi go reka dihutshane, mekoro, dijo tsa dihutshane, melemo ga mmogo le didirisiwa tse dingwe.
A re le ntswa a kopane le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong ga a ka a kgobega marapo go bona gore le ene o nna le botshelo jo bo eletsegang.
Mme Robby o tlhalositse fa mo nakong eno a kgona go tlamela lelwapa la gagwe e bile a tsenya ngwana wa gagwe sekole.
A re o kgonne gape go dira dilo di le mmala di akaretsa go reka dikoko le ntswa ka go tlhoka lesego di ne tsa tlhaselwa ke bolwetsi jwa mokorobalo gammogo go tsweledisa dikago dingwe mo lwapeng.
A re le fa a na le dikgwetlho o tla tswelela ka go tlhokomela dihutshane tse di setseng ka o na le tsholofelo ya gore di tla a ata.
O tsweletse a re o ikaelela gore mo dingwageng tse di tlang le ene a bo a kgona go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a banana ba bangwe ka go tsenya bana ba masiela le batlhoki dikole.
O gwetlhile banana ka ene go iketleeletsa kwa diofising tsa puso go tsaya mananeo gammogo le go ikemela ka dinao nako e sa le teng go na le go letlelela lehuma go ba gatelela ka go se monate go tshelela mo go lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 10 Sep 2014