Lekgotla le kolotwa madi madi
10 Sep 2014
Lekgotla la kabo ditsha la Ngwato le kolotiwa P53 186 300 yo eleng makgetho a ditsha tsa kgwebo tse di abetsweng Batswana.
E rile a buisa phuthego ya bofelo ya khansele ya Legare, modulasetilo Rre Lesego Raditanka a tlhalosa fa batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore madi ao a ka bo a thusa go tsamaisa lekgotla leo ka jalo go tshwanetse gore a duelwe ka bonako eseng jalo lekgotla le tla a retelelwa ke go dira ditirelo dingwe tsa lone.
Rre Raditanka o tlhalositse fa lekgotla leo le lebanwe ke namane e tona ya go bona gore a ditsha tse di abetsweng batho di a tlhabololwa mme go supagetse fa go sa nna jalo ka di sena ditirelo. O boletse fa seemo se, se rontsha kgaolo maungo a itshetso le itsholelo a a kabong a le teng fa ditsha di ne di tlhabolotswe.
Mo go tse dingwe, o supile fa letsholo la go kwadisa ditsha le tsweletse le fa go na le dikgwetlho tse di akaretsang beng ba ditsha ba ba maoto a tshupa go supela ditsha tsa bone, a bolela fa seo se dia thulaganyo ya go kwadisa ditsha.
Ntswa go na le dikgwetlho, o tlhalositse fa lekgotla le eletsa go wetsa go kwadisa ditsha kwa Serowe le Mahalapye pele ngwaga wa madi o wela. Mooketsi BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 10 Sep 2014