Baruti ba kopiwa go rotloetsa boikgapo
10 Sep 2014
Baruti ba kopilwe go rotloetsa boikgapo mo dikerekeng gore kanamo ya HIV/AIDS e fokotsege mo lefatsheng leno
Mo tshimolodisong ya go rapelela bolwetse ja HIV/AIDS kwa kgotleng kgolo ya Letlhakane, Moaposetolo Bakani Kelebantse wa kereke ya Amazing Grace for all Nations o kgadile baruti bangwe ba ba sa kgalemeleng diphuthego tsa bone fa ba dira dilo tse di duleng mo tseleng ya Modimo ka ba tshaba gore diphuthego di tla phatlalala.
A re setlhogo sa mono ngwaga se se reng ‘Mebele ya rona ke tempele ya Modimo, re ema kgatlhanong le go tsenwa ke mogare wa HIV’ , se tlhamaletse e bile se gwetlha mongwe le mongwe go emisa kanamo ya mogare oo.
O tlhalositse gore setlhogo se se supa fa batho ba tshwanetse go tlhokomela mebele ya bone ka nako tsotlhe le go tiisa go rapela go feta ka fa ba ntseng ba dira ka teng.
Rre Kelebantse a re dikereke di tshwanetse tsa supa seabe sa tsone mo go rotloetseng setho se se amogelesegang go thusa go fokotsa kanamo ya mogare gonne Modimo ga a batle batho ba ba dirang mekgwa e e maswe.
O kopile baruti go rapelela bolwetse jwa HIV/AIDS nako tsotlhe ka jaana ka fa mogare o o anamang ka teng mo lefatsheng leno, puso e a go felela e tlhaelelwa ke madi a go thusa mongwe le mongwe ka diritibatsi mahala , go bo go raya gore batho ba ituelele dithuso tseo.
Moaposetolo Kelebantse a re mathata a a ka rarabololwa fela fa dikereke di ka aga baphuthegi gore ba fetole boitshwaro jwa bone gammogo le go rera boikgapo mo dikerekeng gore merapelo ya batho e tle e utlwale.
Kgosi wa motse wa Letlhakane, Rre Baruntshi Kegapetswe o kgadile dikereke a bolela fa di na le dipharologano tse di di kgoreletsang go nna selo sele sengwe di akaretsa tumelo, maikutlo le madi mme a di kopa go tshwaragana gore di kgone go bua ka lentswe le le lengwe fela.
A re gole gantsi fa ba bitsa dikereke go tla mo ditirong tsa mofuta o, ga di tle ka dipalo tse di bonalang ntswa dikereke tse di kwadisitsweng mo motseng oo di le dintsi thata ,selo se a reng se ba tshwentse thata ele bogogi ja motse.
E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, mothusa morulaganyi wa HIV/AIDS wa kgaolo ya Boteti, Rre Thuso Ernest a re tshimolodiso ya merapelo e e tshwarwang ngwaga le ngwaga ka Lwetse ke segopotso sa ba ba tlogetseng lefatshe le le ka kwano ka ntata ya bolwetse jwa HIV/AIDS le ba ba amegileng ka go go tshuba dikerese.
Rre Ernest a re merapelo e e simolodisiwang ke dikereke le ba-na-le seabe botlhe e bulela merapelo e e tshwarwang mo maphateng le mo dikerekeng, jalo a kopa maphata go dirisana sentle le baruti fa ba tsile go rapela kwa maphateng a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Kgwedi ya go rapelela HIV/AIDS
Date : 10 Sep 2014