Boitshwaro jwa banana bo a tshwenya
10 Sep 2014
Banana ba kopilwe go ikgapha mo nnotaging ka e ka ba senyetsa bokamoso.
Mo puisanong bosheng, mothusa kgosi wa Gabane mo kgaolong ya Kweneng, Rre Sello Pule o supile nnotagi ka monwana a tlhalosa fa e le yone e rotloetsang boitshwaro jo bo sa kgatlheng gammogo le boganana jwa banana.
A re mafelo a beke kwa motseng wa Gabane ke selelo le khuranyo ya meno ka ba sa bone boroko ka ntlha ya modumo o o tswang mo madirelong mangwe bogolo jang marekisetso a bojalwa. A re madirelo ao a ngoka banana mme ba felele ba amega mo bogananeng.
Mothusa kgosi o tlhalositse gore le fa gone khansele e neetse mafelo ao tetla ya go dira mme gone a tsisa dibelebejane mo motseng. O boletse gore bojalwa bo diphatsa fela thata e bile bo ka senya bokamoso jwa banana fa ba sa ikele tlhoko.
O tsweletse a re go utlwisa botlhoko go bona bontsi jwa banana ba wela ka lemena ntswa e le bone baeteledipele ba kamoso.
O kopile batsadi go nna le seabe mo go kgodisong ya bana ba bone ka go bua le bone ka bodiphatsa jwa nnotagi ka lore lo ojwa lo sale metsi.
A re go tlhoka go fa bana kgakololo ka dikgang tse, go ka dira gore ba wele ka lemena jaaka go setse go supega mme go ba senyetse bokamoso.
O ikuetse mo bananeng go fetola maitshwaro a bone le go emisa mekgwa e e ka ba tsenyang mo diphatseng.
Mo go tse dingwe, Mothusa Kgosi Pule o akgoletse morafe wa Gabane go nna le seabe mo twantshong borukutlhi bogolo jang ya bogodu jwa leruo ka ba bega dikgang tse di amanang le bogodu joo nako le nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : MOLEPOLOLE
Event : Puisano
Date : 10 Sep 2014