Breaking News

Mananeo a thusa Batswana -De Graaf

09 Sep 2014

Ntlhopeng wa bopalamente wa Botswana Democratic Party (BDP) kwa Ghanzi Borwa, Rre Christiaan De Graaf a re mananeo a phathi ya bone a nonofile e bile Batswana bangwe ba setse ba itshetsa ka one.

Rre De Graaf o ntshitse mafoko ao fa ane a buisa phuthego ya sepolotiki kwa Ghanzi ka mafelo a beke. A re bontsi jwa Batswana ba tlhalosa fa mananeo a na le mosola thata mo matshelong a bone. 

O boleletse batlhopi gore fa lefatshe leno le tsaya boipuso, itsholelo ya lone ene ele kwa tlase go sena ditlhabololo tse dintsi. A re gompieno ka puso ya BDP e e nang le boeteledipele jo bo nang le tebelopele, ditlhabololo di bonwa ke Motswana mongwe le mongwe.

Rre De Graaf o boleletse batlhopi bao fa mogopolo wa gore go agiwe matlhabelo mo kgaolong ya Ghanzi o gannwe ke mapalamente a phati tsa kganetso, a bua jalo a leka go lemotsha batsena phuthego eo fa phathi ya bone e sena seabe mo kgannyeng eo. 

A re batho ba diphati tsa kganetso ga bana boamaruri, ka jalo bone ele batlhopi ba tshwanetse go kanoka mananeo a diphati tsotlhe gore a a ka sologelang Batswana mosola ke afe. 

A re diphati tsa kganetso di tlogele go kgala mananeo a BDP ntswa ele bone ba ntlha go tsaya dithuso tseo go tlhabolola matshelo a bone. A re o lemogile fa diphati tseo di sa batle go bona matshelo a Batswana a tlhabologile.

 O ne a kgala thata diphathi tsa kganetso, a tlhalosa fa di ka seke tsa busa lefatshe leno, ka di palelwa ke go diragatsa ditsholofetso le maitlamo a bone.

Ntlhopeng wa bopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Johnie Swartz ene o ne a kopa batlhopi ba kgaolo ya gagwe go tlhopa BDP ka dipalo tse di kwa godimo ka gore motlhala wa yone o bonwa ke Motswana mongwe le mongwe.

Rre Swartz o boleletse batlhopi bao fa dingwaga tse tlhano di wetse, ka jalo go le mo go bone ele Batswana go kanoka phati e e botlhokwa mo matshelong a bone mme e bile e ka kgona go tsamaisa lefatshe leno sentle.

Rre Swartz a re BDP ke yone fela e ka kgonang go busa lefatshe leno ka gore ena le baeteledipele ba ba nonofileng e bile ba na le tebelopele go ka etelela pele puso ya lefatshe leno. 

A re mo dikgaolwaneng tsa botlhopi dile 57 tsa mapalamente le bokhanselara, BDP e na le baemedi fa ba diphati tsa kganetso ba paletswe ke go emelwa mo dikgaolwaneng tseo  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 09 Sep 2014