Ba Masunga ba farologana ka megopolo
09 Sep 2014
Banni ba Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba dule ka maikutlo a a farologaneng mabapi le molao kakanyetso wa go sekasekiwa ga molao wa matimela.
Banni ba supile seo fa ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go tsaya megopolo mo banning ka se se ka dirwang mabapi le go sekaseka ditshetlana tse di ntseng di le teng tsa molao wa matimela.
Banni bangwe ba dule ka mogopolo wa gore boikarabelo jwa matimela bo tlogelwe bo le ka fa tlase ga dikhansele jaaka go ntse, mme fela go fetolwe ditshetlana dingwe, jaaka madi a a lefisiwang barui fa ba golola dikgomo tsa bone kwa matimeleng.
Bangwe ba ne ba re boemong jwa P5.00 o morui a o lopiwang letsatsi le letsatsi fa kgomo ya gagwe e tshegeditswe e bile e tlamelwa kwa matimeleng, madi ao a okediwe go nna magareng ga P10 le P20 tsatsi le letsatsi.
Bangwe bone ba ne ba re bogolo dikgwedi tse di beilweng tse thataro tsa gore morui a bo a rekolotse kgomo ya gagwe pele e ka rekisiwa, di fokodiwe go ya kwa go tse tharo, le gore go dirwe thulaganyo ya gore ba matimela ba nne ba ikgolaganya le ba lekalana le le dirang ditshipi tsa leruo go bona gore leruo le ba le tshegeditseng ke la bo mang gore ba kgone go itsese beng nako e sale teng.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore boikarabelo jwa matimela bo amogwe dikhansele, ba re bo rolelwe ba bogosi, fa bangwe ba re bogolo a isiwe kwa lephateng la temo-thuo, ka go supagetse fa dikhansele di sa kgone go itepatepanya le dkgang tsa matimela.
Ba re ere ka jaana puso e amogile dikhansele ditirelo dingwe morago ga go bona fa di rwele mokgweleo o montsi, e tshwanetse ya dira fela jalo le ka tlhokomelo ya matimela, ba kaya fa e bile lephata la temo-thuo le le mo maemong a a botoka go ka tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela matimela.
Rre Mmilili Mbonini ene o ne a supa fa ba bogosi e le bone ba ba leng mo seemong se se botoka go balelwa le go rarabolola dikgang tse di amang leruo.
Ntlheng e nngwe, Mme Jane Majaule o ne a re go dirwe molao wa gore mo manyeneng a a rwesiwang leruo mo ditsebeng, go kwalwe le nomoro ya mogala wa mong wa lone go thusa ope yo o ka le bonang mo thoteng ya gagwe go ikgolaganya le ene.
A re seo se ka thusa go fokotsa palo ya matimela, a supa fa ene a setse a lekeleditse mme a kile a leletswa ke mongwe fa dikgomo tsa gagwe di ne di timetse.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, Kgosi Thabo Maruje III wa motse wa Masunga o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka barui bangwe ba ba itlhokomolositseng boikarabelo jwa go tlhokomela leruo la bone.
A re go a tshwenya ka jaana bangwe ba itse leruo la bone fela ka nako ya fa ba le rekisa mme ntle le seo ba le tlogela le gobeya gongwe le gongwe bosigo le motshegare.
Kgosi Maruje III o boletse fa leruo leo, le le sa tlhokomelweng le apesitse batho kobo ka letshoba bogolo jang mo pakeng ya temo.
Tona Siele o ne a supa fa boikarabelo jwa matimela e le morwalo o o seng kana ka sepe, o o lopang dikhansele madimadi a go phutha, go otla gammogo le go tlamela matimela ao ka tsotlhe tse di tlhokwang ke leruo.
Rre Siele o ne a lebogela megopolo ya banni ba Masunga, a re e tla nna le seabe mo tshobokong ya tshekatsheko ya molao o o laolang matimela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Sep 2014